Nkoko o kae?

Written stories

Nkoko o kae?

Author

E kwadilwe ke Robert Muponde

Illustrator

E tshwantshitswe ke Elizabeth Sparg

Letsatsi lengwe mo mosong, Duma o ne a kokota mo lebating la ga nkoko wa gagwe.

Gompieno e ne e le letsatsi la ga Duma la matsalo mme nkoko o ne a mo logetse mpho ya kuane ya wulu.

Duma o ne a itumetse thata. Phiri e e lebegang e le kgopo ya bula lebati.

“O mang? Nkoko o kae?” ga botsa Duma.

“Ke Chidhange, kgaitsadio nkoko wa gago,” ga rotla phiri.

“Fa e sale ke sia bogologolo fa a ne a mpitsa legodu le sejadibodu.

Ke boetse gae go tla go mmontsha gore ga ke sepe seo.”

 

“Nkoko o kae?” Duma a botsa gape. O ne a roroma.

“O teng fano. Mme ga a yo fano,” ga araba Chidhange, a ntse a apaapa mpa e e neng e bontsha e tletse.

Chidhange a kgobola. O ne a kgobola wulu e khibidu e le ntsi. “Nnyaa, a go ntse jalo!” ga akanya Duma. “O jele Nkoko!”

Duma o ne a tshaba ka lebelo le legolo a tshabela mo sekgweng fa morago ga ntlo ya ga Nkoko.

Chidhange a mo lelekisa. Duma o ne a tshogile thata.

“Mme Nkoko o gona fano! O fisa tlhaga le matlhare a a omeletseng.”

Fa Chidhange a bona Nkoko, o ne a tshoga tota a ba a itatlhela mo molelong.

“A phiri wa sematla,” Nkoko a tshega.

 

Chidhange o ne a itheile a re mpho ya ga Duma e e neng e le mo tlase ga dikobo ke Nkoko.

Jaanong mpa ya gagwe e ne e tletse ka wulu mme e bile marago a gagwe a le botlhoko! O ne a sia mme a se tlhole a bonala.

 

Monate wa Nal’ibali

Megopolo e re ka buang ka yona

Fa o ne o le Duma, o ne o tla dirang fa phiri e bula setswalo? Fa go ne go ka twe o dirise phologolo e nngwe mo boemong jwa phiri o ne o tla tlhopha go dirisa efe mme ka ntlha yang? A o akanya gore go siame gore bophiri ka metlha ba bontshiwe e le diphologolo tse di seng botsalano mo mainaneng?

Se se bonwang ka matlho

Terowa kgotsa o pente setshwantsho se se bontshang karolo eno ya leinane: Fa Chidhange a bona Nkoko, o ne a tshoga tota a ba a itatlhela mo molelong. Kwala mafoko mo tsebeng e sele o bo o a kgomaretsa kwa tlase mo tsebeng ya gago.

Go Bala

Akanya ka se se diragetseng mo leinaneng leno o bo o araba dipotso. Leba dintlha tse di mo leinaneng leno gore di go thuse. Chidhange o tlhalosa gore o ne a boetse go tla go bontsha kgaitsadie gore ga se legodu e bile ga se sebatana. (Phologolo e e leng sebatana ke phologolo e e jang diphologolo tse di suleng). A o akanya gore Chidhange e ne e le legodu kgotsa sebatana? Ntsha mabaka a go bo o akanya jalo.  A Chidhange o ne a bua maaka fa a ne a bua ka Nkoko a re, “O teng fano. Mme ga a yo fano.”? O akanya gore o ne a raya goreng?  O ne o tla ikutlwa jang fa o ne o ile go etela mongwe wa losika o bo o bulelwa ke phiri e e mabifi?

Go Kwala

Ke dilo dife tse dingwe tse phiri e neng e tla di bona go di ja kwa ntle ga bonkoko le boboa? Kwala “lenaane la dilo tse di rekwang” tse o akantshang gore Chidhange a di reke.

Tiragatso

Dira leinane le lengwe gape ka Chidhange. Mo leinaneng leno, bontsha gore o ithutile sengwe ka se se diragetseng mo go Nkoko o Kae?