Thutlwa le phokojwe
Home | Written stories | Multilingual stories | Thutlwa le phokojwe

Written stories

Thutlwa le phokojwe

Author

Nicky Webb

Illustrator

Simphiwe Mangole

Translator

Lorato Trok

Bogologolotala go ne go na le thutlwa le phokojwe e e ditsebe tsa mamathwane ba e neng e le ditsala tse di kgolo thata. Bobedi jwa bone ba ne ba kgona go utswa thata mme ka nako e ntsi ba ne ba nna mmogo ba dira dilo tse di maswe.

Ka letsatsi lengwe Phokojwe o ne a utlwa a tshwerwe ke tlala. “Tlaa, tsala ya me,” a rialo go Thutlwa. “A re tshele noka mme re utswe dijo kwa polaseng ele.”

“Ke leano le le ntle!” ga bua thutlwa, a itatswa dipounama. “Ke utlwa ke eletsa legapu le le monate.”

Thutlwa le phokojwe ba tshela noka. Phokojwe o ne a itshwareletse thata ka thamo ya thutlwa ka a ne a sa itse go thuma.

Kwa karolong e nngwe ya noka, phokojwe yo o botlhale a dira leroba mo terateng ka meno a gagwe a a bogale. Jaanong phokojwe le thutlwa ba itshukunyetsa mo terateng go ya go utswa dijo kwa karolong e nngwe. Phokojwe ya utswa mae a matlhano kwa hokong ya dikoko mme thutlwa ya tshotlha bontlha jwa lethisi. Thutlwa e ne e simolola go ja legapu le le monate fa phokojwe e ne e tsholetsa nko ya yona kwa loaping mme ya bokolela.

“Shhhhh,” thutlwa ya suma e kgwela manathwana a legapu mo go phokojwe.

“O raya jang fa o re, ‘shhhhh’?” ga botsa phokojwe e iphimola ditedu. “Ka gale ke a opela fa ke fetsa go ja dijo. Ke tlwaelo ya me.”

“Ee jaanong, nkemele ke fetse legapu la me,” thutlwa a phuphura. “E seng jalo rapolase o tlile go go utlwa mme a re lelekise.”

Phokojwe e ne e lapisitswe ke go leta. E ne ya tsholetsa nko ya gagwe kwa loaping gape mme ya simolola go opela, “Owoooooooo!”

Rapolase o ne a ja dijo tsa gagwe tsa motshegare fa a utlwa phokojwe e bokolela. O ne a tabogela kwa ntle le thupa ya gagwe e kgolo. Phokojwe e ne ya mmona fa a tla mme, ka a ne a le bonako, a itatlhela kwa ntle ka leroba la terata mme ke fa ile pele ga rapolase a mmona.

Thutlwa ya batho, mo letlhakoreng le lengwe, o ne a eme ka maoto a yona a kwa pele a bulegile a leka go itumelela legapu la gagwe la bofelo. Fa a bona rapolase a tla, o ne a leka go ema a taboga, maoto a gagwe a kgolagana mme a wela mo fatshe.

“O seka wa ba wa tlhola o nkutswetsa gape!” rapolase a rialo, a betsa thutlwa ka thupa ya gagwe.

Kwa bokhutlong fa thutlwa a ne a kgona go tshaba, mmele wa gagwe otlhe o ne o le matsadi mme a kgotswetse phokojwe. O ne a tlhotsetsa kwa nokeng kwa phokojwe a neng a robetse kwa tlase ga setlhatshana.

“Ga o tsala wena!” ga rialo thutlwa e tenegile, e tsosa phokojwe. “Ke lebogela go opela ga gago, ke iteilwe botlhoko.”

“O seka wa tenega,” ga rialo phokojwe. “Ke go boleletse gore fa ke fetsa go ja ka gale ke a opela. Jaanong a re tshele noka re boele gae.”

Phokojwe ya itshwarelela ka thamo ya thutlwa mme thutlwa ya thuma mo gare ga metsi. Fa thutlwa e fitlha kwa karolong e e boteng ya noka, a raya phokojwe a re, “Jaanong ke ya go tlhapa. Ke ikutlwa ke gotetse le go tshwenyega morago ga go itewa go le.”

“O ka seke!” ga rialo phokojwe, a lebeletse thutlwa ka matlho a a tomogileng. “Fa o ka tsenelela mo metsing, ke tla nwela! Ga ke itse go thuma!”

“Mme ke tshwanetse go tlhapa,” ga rialo thutlwa. “Ke tlwaelo ya me.” Ka seo, thutlwa ya tsenelela mo metsing. Phokojwe ya wela mo gare  mme ya ragaraga ka maoto a yona.

“Thusang! Thusang! Ke a nwela!” phokojwe ya lela.

Thutlwa e ne e tenegile ka go itewa ga gagwe, mme a utlwisiwa botlhoko ke go lebelela phokojwe e ragaraga mo metsing. Phokojwe e ne e le tsala ya gagwe kwa bokhutlong. Thutlwa ya tsenya tlhogo ya yona mo tlase ga metsi mme ya e dirisa go emisa phokojwe gape mo thamong ya yone. Phokojwe e ne ya gotlhola le go kgamega mme ya itshwarelela ka thutlwa thata.

Fa ba fitlha kwa karolong e nngwe ya noka, phokojwe ya nagana ka se e se dirileng tsala ya yona. “Thutlwa?” a buela kwa tlase.

“Ee, Phokojwe,” ga araba thutlwa.

“Ke maswabi go go tshwara makgwakgwa. Ke a bona gore se o se ntirileng ke ka ntlha ya tsela e ke go tshwereng ka yona nako e le,” ga rialo Phokojwe.

Thutlwa a tshikinya tlhogo ka tumelano. “Ee go jalo”, a rialo. “Ke ne ke go duelela se o se ntirileng.”

“Maitshwarelo,” ga rialo phokojwe.

Jaanong, phokojwe le thutlwa ba ithuta gore go siame go tshwara batho ka tsela e o batlang go tshwarwa ka yona, mme go tloga ka letsatsi leo, ba ne ba dira jalo ka gale. Mme, go fitlha le gompieno, e santse e le ditsala tsa nnete.

Nna le boitlhamedi!

Fa o feditse go buisa Thutlwa le phokojwe, bua le bana ba gago ka tsela e ba batlang gore ditsala tsa bona di ba tshole ka yona mme morago ba dirise ditshwaelo tsa bona go kwala mmogo lenaane le le bidiwang, ditsela di le 10 tsa go nna tsala e e siameng.