Phoso e kgolo

Written stories

Phoso e kgolo

Author

E kwadilwe ke Desiree Botha

Illustrator

E tshwantshitswe ke Chantell le Burgen Thome

E ne e letsatsi le lentle, la boiketlo gaufi le noka. Go ne go rena tidimalo. Go utlwala fela modumo wa Nonyane e Nnye e opela ka molodi o o lapolosang, e ntse e phepafatsa meno a Kubu a magolo a a phaphathi.

 

Kubu e ne e itumeletse gore meno a yona a a phepafadiwa. A rapaladitse tlhogo mo godimo ga metsi, a atlhamesitse molomo. Marang a letsatsi a mo thuthafatsa mme e rile a ntse a iketlile a tshwarwa ke boroko. A lora ka tshimo e e bongola ya bojang jo bo lepelelang gaufi le ene, mme mo borokong jwa gagwe, a fula bojang a bo metsa.

 

“O jele Nonyane e Nnye!” Lentswe la tsosa Kubu ka letshogo. E ne e le nngwe ya megolodi. O ne a lebega a šakgetse! Sefatlhego sa gagwe se se pinki se fetogile se le sehibidu.

 

“O jele Nonyane e Nnye,” a goa gape a lebisitse phuka ya gagwe kwa go Kubu.

 

“Ga nkitla ke dira jalo!” Kubu a ikarabela jalo. “Ke ja bojang, e seng dinonyane tse dinnye! Kwa ntle ga foo, Nonyane e Nnye ke tsala ya me! Ga nkitla ke mo ja!”

 

“Ke go bone! O ne a phepafatsa meno a gago, mme o mo komeditse!”

 

Kubu a gakologelwa toro ya gagwe. Jaanong o ne a tshogile! A o ka bo a meditse tsala ya gagwe ka phoso?” Jaanong e rile a tswa mo nokeng, a utlwa molodi wa nonyane. E ne e le Nonyane e Nnye!

 

Kubu a leba mo matlhakoreng otlhe go bona gore Nonyane e Nnye e kae. Kwa bokhutlong, a lemoga gore modumo o ne o tswa mo mpeng ya gagwe. O ne a meditse tsala ya gagwe!

 

“O a bona? Ke go boleletse!” ga bua Mogolodi “O jele Nonyane e Nnye!”

 

“Ga ke a … ga ke a dira ka bona…” Kubu a bua a lela. “Re tshwanetse go mo pholosa. Re tshwanetse go mo ntsha mo mpeng ya me!”

 

Ka nako e diphologolo tsotlhe tse di nnang gaufi le noka tsa atamela gore di tlhaloganye se se diragetseng. Tsa simolola go loga maano.

 

“A re tsenyeng ditlhapi tse dinnye mo mpeng ya gago. Di ka thusa go bontsha Nonyane e Nnye tsela ya gore a kgone go thuma go tswa mo mpeng,” ga bua Tshwene. Fela e rile ba utlwa se, ditlhaphi tse dinnye tsa ngwega.

 

“Re ka dirisa lengwe la meno a me go sega mpa ya gago le go falosa Nonyane e Nnye,” ga tshitshinya Tau. Kubu a se ka a akanya gore se ga se mogopolo o montle.

 

 

“Re tlile go dira eng? Nonyane e Nnye a ka se nne mo mpeng ya me go ya go ile!” ga bua Kubu. Fela o ne a se na leano le le botoka. Gongwe a ka letla Tau go sega mpa gore a kgone go ntsha Nonyane e Nnye. O ne a le gaufi le go dumela gore a segiwe mpa fa Morubisi yo o botlhale wa tlhogoputswa a tla ka leano.

 

“Ritibatsang maikutlo, lotlhe fela,” ga bua Morubisi. Botlhe ba mo adima ditsebe. “Ntlisetseng lefofa le legolo,” a ba laela jalo.

 

Ka bonako, nngwe ya dinonyane ya fofela kwa tlase kwa Mogolodi a neng a ntse teng mme a tlisa se Morubisi a neng a se tlhoka.

 

“Gontle tota!” ga bua Morubisi a tsurama fa fatshe gaufi le Kubu. “Jaanong bula molomo wa gago thata ka mo o ka kgonang, mme ke tlile go palama ka fa gare!” a rialo.

 

“O seke wa dira jalo! O tlile go go ja le wena! Tshwene ya mo kgalema.

 

“Wena tswala molomo!” Morubusi wa tlhogoputswa a bua. Fela a re ka bonolo go Kubu, “O ka dira ka mo itseng, fela o seke wa bo wa leka go tswala molomo ke santse ke le mo mpeng ya gago!”

 

Morubisi a palama ka fa gare ga motlhagare o motona o o tshosang wa Kubu! Fa a dira jaana a tsikitla mometso wa ga Kubu go le gonnye ka lefofa. Kwa tshimologong Kubu a tshega, fela ka tshoganyetso…

 

“Gha...gha...ghaaaaa!” Kubu a gotlhola, mme Morubusi le Nonyane e Nnye tsa tswa di fofa go tswa mo molomong wa gagwe! Bobedi jwa tsona di elela mathe a Kubu. Nonyane e Nnye ya atlarela Morubusi mme a taboga a ya go atlarela le Kubu.

 

 

“Ke kopa maitshwarelo!” ga bua Kubu.

 

“O se ke wa utlwa botlhoko,” ga bua Nonyane e Nnye. “Nkabo ke go tsositse fa o robala. Ke a itse gore e ne e se maikaelelo a gago go nkometsa. E ne e le phoso, le gone, kla sentle.”

 

Kubu le Nonyane e Nnye ba leba Morubusi yo o neng a tlhapa diphuka mo nokeng. “Ke a leboga, Morubisi. O re ntshitse mo sepitleng!” ba rialo.

 

“Le nna pelo ya me e tshweu!” ga bua Morubisi, a feleletsa go tlhapa mathe a bofelo mo diphukeng tsa gagwe. “Jaanong fa go ka nna tidimalo, nka boela ka robola gape.”

 

Morubisi a fofela mo mosimeng wa setlhare se segolo se e neng e le legae la gagwe. Diphologolo tsotlhe tsa ya go tswelela ka ditiro tsa tsona tsa letsatsi le letsatsi. Sefatlhego sa Mogolodi sa boela kwa mmaleng wa sona wa tlwaelo o mopinki, fela o ne a santse a tshikinya tlhogo.

 

“Sematla sa nonyane! O a go ja mme o tswelela go nna tsala ya gagwe,” a bua jalo. Jaanong a boela mo lefelong le a neng a dutse mo go lona, a ema ka leoto le le losi mme a tshwarwa ke boroko.

 

“Ruri ke santse ke kopa maitshwarelo,” Kubu a bolelela Nonyane e Nnye gape. “E bile ke tlaa tlhaloganya fa o ka se tlhole o phepafatsa meno a me gape.”

 

“Fela meno a gago a tlaa nna botlhoko!” ga araba Nonyane e Nnye. “Re tla netefatsa gore ga o tshwarwe ke boroko fa ke phepafatsa meno a gago. Jaanong a re ye go go batlela bojang jo bo matute o tle o je. Ke dumela gore o tshwerwe ke tlala.

 

Ba bo ba tsamaya.

 

* A o kile wa dira phoso e kgolo? Go diragetse eng, o ne wa ikutlwa jang ka yona?

* Ke eng se se diragetseng gore o ikutlwe botoka morago ga fa?

* Nonyane e Nnye le Kubu e ne e le ditsala le fa e le gore Kubu o batlile go ja Nonyane e Nnye. A o akanya gore go botlhokwa go itshwarela batho ba bangwe fa ba dirile phoso? Goreng o rialo?