Tšhokolete ya ga Jeb
Home | Written stories | Multilingual stories | Tšhokolete ya ga Jeb

Written stories

Tšhokolete ya ga Jeb

Author

E kwadilwe ke Lesley Beake

Illustrator

E tshwantshitswe ke Tamsin Hinrichsen

Jeb o ne a le montšhwa. O ne a se na ditsala. O ne a jewa ke bodutu.

O ne a tsamaya a hutsafetse, a ntse a raga letlapa. O ne a na le tšhokolete mo kgetsaneng ya gagwe, mme e ne e sa thuse ka sepe.

O ne a ntse a hutsafetse. O ne a na le tšhokolete mme a se na ditsala.

 

 Jeb o batlile go thula mosetsanyana. O ne a lela. ”Um … a nka go thusa?” ”Nnyaa.” Jeb a akanya nakwana. ”A o ka rata nka go fa tšhokolete?” Mosetsanyana a nyeba. ”Ke a leboga.” Jeb le mosetsanyana ba tsamaya mmogo. Ba ne ba batlile ba fitlhela ntwa e fagile! Go ne go lwa basimane ba babedi. Jeb a akanya nakwana. ”A lo ka rata nka lo fa tšhokolete?” Basimane ba tlogela go lwana. ”Ee!”

 Jeb le mosetsanyana le basimane ba babedi ba tsamaya mmogo. Ba ne ba batlile ba kopana le mosadi le ntšwa. Ntšwa e ne ya tshoga tota fa e bona Jeb le mosetsanyana le basimane ba babedi ba ba neng ba lwana, mme ya sia. Go mo tseile nako e telele go e tshwara. Mosadi o o ne a šakgetse mo go maswe. ”A o ka rata nka go fa tšhokolete?” Mosadi a nyeba. ‘’Ee! Ke a leboga!” Jeb a mo fa lenathwana la bofelo la tšhokolete. O ne a sa salelwa ke sepe. Fela o ne a na le ditsala!

 

Megopolo e re ka buang ka yona

Fa Jeb a ne a fa ba bangwe tšhokolete ya gagwe, ba ne ba nna ditsala tsa gagwe. Tsela e nngwe e a neng a ka dira ditsala tse disha ka yone e ne e ka nna efe? Botsala bo raya goreng mo go wena? Ke eng se se dirang gore batho ba ikutlwe ba jewa ke bodutu? A o kile wa ikutlwa o jewa ke bodutu?

Se se bonwang ka matlho

Terowa setshwantsho sa gago o ikutlwa o le bodutu.

Go Bala

Ya kwa tsebeng ya tiro fano: Kwala nomoro mo lebokosong lengwe le lengwe gore o beye ditshwantsho tseno ka thulaganyo ya tsone. Batla mokwalo mo leinaneng leno o o tsamayang le setshwantsho sengwe le sengwe.

Go Kwala

Kwala lekwalo la go leboga o kwalela motho yo o go thusitseng thata mo botshelong ka gore a nne pelonomi mo go wena.

Botaki

Dirisa poleiti ya pampiri kgotsa o sege sediko sa khateboto. Kafa letlhakoreng le lengwe terowa setshwantsho sa sefatlhego sa “motho a le bodutu” mme kafa letlhakoreng le lengwe terowa setshwantsho sa sefatlhego sa “motho a itumetse”.

Tiragatso

Dirisa ditshwantsho tse di tshwailweng ka dinomoro sentle go tlotla leinane la gago.