Home | Story Resources | Multilingual stories | Thukile wa Sematla

Thukile wa Sematla

Author

Wendy Hartmann

Illustrator

Jiggs Snaddon-Wood

Translator

E ranotswe ke Opelo Thole

Ka nako e nngwe go kile ga bo go na le monna yo monnye yo leina la gagwe e neng e le Thukile. O ne a nna le mmaagwe mo ntlong e nnye thata. Ba ne ba humanegile thata mme mmaagwe o ne a kgona go dira madi fela ka go rekisa mae a a neng a beelwa ke kgogo ya gagwe.

Thukile o ne a le botswa thata moo o neng a sa dire sepe. O ne a robala mo meriting ka selemo le go nna fa isong ka mariga. Mmaagwe o ne a sa kgone go mo kopa gore a thuse ka sepe fela.

Ka moso mongwe wa Mosupologo o ne a hutsafetse thata moo a neng a re, “Thukile, fa o sa tsamaye o ye go direla dijo tsa gago ke tla dira gore o ntswele mo ntlong e ruri.”

SillyThukile1-300x209Se se ne sa tshwenya Thukile. “Ke tshwanetse go dira sengwe,” a rialo. “Mo nakong e mme o utlwala a tenegile tota.”

Ka jalo ka Labobedi, o ne a ya kwa go rapolasa go kgabaganya noka mme a kopa tiro. Rapolasa o ne a mo kopa go baakanya legora la gagwe. Go dira se o ne a duelwa madi a se kae a tshipi. Thukile o ne a ise a ke a nne le madi mo botshelong jwa gagwe. O ne a tshwara madi a tshipi mo seatleng sa gagwe mme a a tlolatlodisa gore a kgone go a bona a phatsima mo letsatsing. Fela pele ga a kgabaganya noka, o ne a latlhile madi otlhe.

“Mosimane ke wena wa sematla,” ga rialo mmaagwe fa a goroga kwa gae, “o tshwanetse o ka bo o a tsentse sentle ka pabalesego mo kgetsaneng ya gago.”

“Ao,” ga rialo Thukile, “Ke tla dira jalo mo nakong e tlang.”

Ka Laboraro o ne a tswa gape. “A nka go thusa ka dikgomo tsa gago?” a botsa rapolasa yo mongwe.

“Ee,” ga bua rapolasa, “mme ke tla go fa morufa wa mašwi go go duela tiro ya gago.”

Fa letsatsi le tla kwa bokhutlong, rapolasa o ne a naya Thukile morufa wa mašwi. Thukile o ne a tsaya morufa mme a o tsenya mo teng ga kgetsana e kgolo ya jase ya gagwe fela jaaka mmaagwe a ne a rile o tshwanetse go dira. Phatšha! Phatšha! Phatšha! Mašwi a ne a tshologa fa a tsamaya mo tseleng e bile morufa o ne o setse o le lolea pele ga a fitlha kwa gae.

“Ao Modimo wa me!” ga rialo mmaagwe. “O sematla TOTA! O tshwanetse o kabo o beile morufa mo tlhogong ya gago.”

“Go siame,” ga rialo Thukile, “Ke tla dira jalo mo nakong e tlang.”

Ka Labone, Thukile o ne a ya kwa go mosadi yo o neng a dira yokate. O ne a dumela go mo fa yokate fa a ka mo thusa. Mo thapameng eo o ne a fa Thukile yokate. E ne e le mo teng ga setshodi se se bulegileng sa polasetiki se se neng se phuthetswe ka letsela. Thukile o ne a tsamaya go ya gae a beile setshodi mo tlhogong ya gagwe gonne ke se mmaagwe a neng a rile o tshwanetse go se dira. Fela ka nako ya fa a goroga kwa gae, go ne go setse yokate e nnye thata mo teng ga setshodi. Nngwe e ne e tshologile, fa e nngwe e ne e kgomaretse mo moriring wa gagwe.

“Sematla ke wena, mosimane wa sematla, Thukile,” ga rialo mmaagwe, “o tshwanetse o ka bo o e tshwere sentle ka kelotlhoko mo diatleng tsa gago.”

“Ao!” ga rialo Thukile. “Go siame, ke tla dira jalo mo nakong e tlang.”

Ka Labotlhano, Thukile o ne a tswa gape. Mo nakong e o ne a direla ralebaka. Ralebaka o ne a sena sepe se a ka se nayang Thukile go mo duelela tiro ya gagwe ntle le ntšwanyana. Kwa bofelong jwa letsatsi ralebaka o ne a mo duela ka go mo naya ntšwanyana. Thukile o ne a tsaya ntšwanyana mme a ya gae a e tshwere ka kelotlhoko mo diatleng tsa gagwe.

“Ke ka moo Mme a ntaetseng gore ke go tshware ka teng,” Thukile o ne a bolelela ntšwanyana. Fela pele ga ba ya kgakala, ntšwanyana e ne ya simolola go ngongorega le go itulatula. Morago, e ne ya simolola go mo ngapa le go mo loma botlhoko moo o neng a patelesega go e tlogela e tsamaya.

Fa a fitlha kwa gae, mmaagwe o ne a re, “Ao Thukile, o sematla tota. O tshwanetse go ka bo o bofeletse mogala mo molaleng wa yona mme wa dira gore e go sale morago.”

“Go siame,” ga rialo Thukile, “Ke tla dira seo kamoso.”

Letsatsi le le latelang e ne e le Lamatlhatso mme Thukile o ne a ya go direla raselaga. Mo nakong e o ne a duelwa ka lenathwana le lentle la nama. O ne a tsaya lenathwana la nama, a golegela mogala mo go lone mme a dira fela ka moo mmaagwe a neng a mo laetse ka teng – o ne a e goga mo morago ga gagwe! Fa a goroga kwa gae, nama e ne e senyegile.

Ka nako e mmaagwe o ne a mo tenegetse tota. “Ke tla dira eng ka wena?” a botsa. “Kamoso ke Latshipi mme jaanong re tlile go lalela ka khabetšhe fela. O sematla tota, o tshwanetse o kabo o rwele nama mo magetleng a gago.”

“Ke tla dira seo mo nakong e tlang,” ga araba Thukile.

Ka Mosupologo, Thukile o ne a tswa gape mme a direla mongwe yo o neng a mo duela ka tonki. Jaanong le mororo Thukile a ne a nonofile thata, o ne a sa kgone go pega tonki mo magetleng a gagwe. O ne a kgaratlha, a kgaratlha, mme kwa bofelong o ne a tsholetsa tonki le go e baya mo magetleng a gagwe, ka moo mmaagwe a mmoleletseng ka teng. Morago o ne a simolola go tsamaya a ya gae ka iketlo.

Mo tseleng ya ga Thukile ya go boela gae, o ne a tshwanetse go feta fa ntlong e go neng go nna monna yo o neng a humile thata mo go yona. Monna wa mohumi o ne a na le morwadi a le mongwe. O ne a le montle thata, fela e ne e setse e le dingwagangwaga a sa bue le fa e le lefokonyana. Gape o ne a ise a tsamaye a tshege mo botshelong jwa gagwe. Dingaka di ne di rile a ka kgona go bua fela gape fa mongwe a ka dira gore a tshege. Monna wa mohumi o ne a tshwenyegile thata ka ga morwadie moo a neng a re motho yo a ka mo tshegisang, a ka mo nyala.

Mosetsana yo montle o ne a lebile kwa ntle ka letlhabaphefo fa Thukile a feta a rwele tonki mo magetleng a gagwe. Maoto a tonki a ne a akgega mo moweng mme go ne go tshegisa moo mosetsana a neng a thubega ka setshego. Mme ka gangwe o ne a kgona go bua gape.

SillyThukile2-300x210

Monna wa mohumi o ne a itumetse thata, mme a diragatsa tsholofetso ya gagwe – o ne a re morwadie le Thukile ba ka nyalana. Thukile o ne a nna monna wa mohumi fela ka ntlha ya gore o nnile sematla ka go rwala tonki mo magetleng a gagwe!

Go simolola ka letsatsi leo, Thukile o ne a nna mo ntlong e kgolo le mosadi wa gagwe le mmaagwe yo o neng a sa tlhole a tlhoka go dira gape. E bile, e le ruri, Thukile o ne a sa tlhole a tlhoka go tshwara sepe ka boene gape.