Sengwe se se kgethegileng
Home | Written stories | Multilingual stories | Sengwe se se kgethegileng

Written stories

Sengwe se se kgethegileng

Author

E kwadilwe ke Jacqui Lange

Illustrator

E tshwantshitswe ke Julie Smith-Belton

“Kibi-kibi-kibi, tlang kwano, bomontlenyane ba me!”

Maitseboa a mangwe le a mangwe, nkoko wa ga Jasmien, o bitsa dikoko tsa gagwe go di tlhatlhela, go di tswalela gore di babalesege mo diphologolong tse di legaba.

Moso o mongwe le o mongwe, Jasmien o a di bulela mme o tsaya mae a di a beetseng. Se e ne e le tiro e a neng a e rata bobe.

Dikoko tsa ga nkoko di tla ka dipopego le bogolo jo bo farologaneng, fela Jasmien o ne a rata e nngwe go di gaisa tsotlhe. Lady o ne a le mebalabala. O ne a na le mafofa a a golaganeng le mogatla o o phukaletseng.

Fa Jasmien a di fa mafofora, o ne a netefatsa gore o abela Lady pele ga tsona tsotlhe.

Letsatsi lengwe Lady a nyelela. Jasmien a batla gotlhe fela, mme ga se thuse sepe.

“Ka gongwe o jelwe ke phakalane, ga bua Eddie. “Kgotsa tshipo?”

Jasmien o ne a sa batle go akanya jalo.

“Lady, o mmamoratwa wa me,” Jasmien a bua ka lentswe le le kwa tlase.

“Ga o a tshwanela go nna le bommamoratwa,” Nkoko a kgalema. “Koko nngwe le nngwe e kgethegile ka tsela ya yona.”

Fela Jasmien o ne a sa kgone go fitlha seo. O ne a rata Lady phetelela.

 

Ga feta dibeke tse tharo e sa bonale.

Go fitlhelela letsatsi lengwe mo mosong fa Jasmien a se na go bulela dikoko jaaka gale. A utlwa modumonyana wa go kokoretsa ga koko.

E ne e le Lady, a setswe morago ke dikokwana tse thataro ka boboanyana jo bo boleta!

“Kibi-kibi-kibi,” ga bitsa Nkoko. “O botlhale tota Lady, o ntse o iphitlhile go thuthusa mae!”

Jaanong Jasmien a nna le bommamoratwa ba bantsinyana.

Megopolo e re ka buang ka yona

Lady e ne e le motho wa botlhokwa mo go Jasmien. Ke eng kgotsa ke mang yo e leng motho wa botlhokwa mo go wena? Ke eng se se dirang gore o nne motho yo o botlhokwa? A ka dinako dingwe o ikutlwa o le motho wa botlhokwa mme ka dinako dingwe o se ene? Goreng?

Se se bonwang ka matlho

Leba setshwantsho se se mo ditsebeng tse pedi tsa ntlha tsa leinane leno sentle. O kgona go bona di le kae mo go tse di latelang: L dikoko L mae L diroto L difensetere L mabati L dipeipi tsa mosi

Go Bala

Batla mafoko! Batla lengwe le lengwe la mafoko ano mo leinaneng mme o bone se lengwe le lengwe le se tlhalosang: botlhale, matshopo, boboa, tlala, telele, marabaka.

Go Kwala

Terowa setshwantsho sa Lady le dikokwana tsa yone tse thataro. Naya kokwana nngwe le nngwe leina. Kwala leina lengwe le lengwe mo tlase ga setshwantsho sa kokwana nngwe le nngwe kgotsa o kope mongwe go go kwalela.

Botaki

Terowa sebopego sa lee mo khatebotong nngwe e tshweu kgotsa mo pampiring, o bo o le sega. (Kopa mogolo mongwe gore a go thuse fa go tlhokega.) Kgabisa lee la gago ka go terowa diphethene tse di farologaneng mo go lone kgotsa o le pente

Tiragatso

O kgona go bitsa mafoko a modumo a a mo leinaneng la gago ka ditsela di le kae tse di farologaneng, kibi-kibi-kibi le kibi-kibi-kibi? A o kgona go di bua jaaka koko e kgolo le jaaka kokwana? Balela leinane leno kwa godimo o bitsa mafoko ano ka ditsela tse di tsamaisanang le ditiragalo tse di mo leinaneng. Kgotsa, kopa mongwe go go balela leinane leo, o bo o kopanela le ene fa a dira modumo wa mafoko ao.