Selalelo sa ga phiri
Home | Written stories | Multilingual stories | Selalelo sa ga phiri

Written stories

Selalelo sa ga phiri

Author

Ka Griselda Jacobs

Illustrator

E tshwantshitswe ke Vian Oelofsen

Go ne ga utlwala go bokolela go gogolo go ralala sekgwa fa Phiri a tsoga mo borokong jo bo monate.

“Abo e le letsatsi le lentle jang ne,” ga rialo Phiri. “Dumelang, ditsala tsa me tse dinnye le tse dikgolo,” a dumedisa diphologolo tse dingwe. “Lo itumelele tlhabo ya letsatsi gompieno. Hemang moya o montsi o o phepa. Batlang dijo tse di monate le go feta gongwe le gongwe mo lo ka kgonang teng,” a oketsa jalo ka lentswe le le botsalano ka tsela e e feteletseng.

 

Kgang ke gore, Phiri o ne a tlile go tsenya nngwe ya diphologolo mo lenaaneng la gagwe la dijo tse a neng a tla di ja bosigong joo! O ne a swetsa gore a se ka a ja sepe letsatsi lotlhe. Mme, motshegare, o ne a tla bo a tshwerwe ke tlala thata mme o ne a tla ya go tsoma namanyana e e monate. Kgabagare, o ne a goa a re, “Itumeleleng letsatsi, ditsala! Ke tla lo bona kgantele.” O ne a tshega ka tsela e e boferefere fa a ntse a tsamaya.

Phiri o ne a letsa molodi wa boitumelo fa a ntse a tshematshemela kwa mogobeng wa metsi wa diphologolo. Metsi a ne a le phepa e bile a le tsiditsana. O ne a nwa thata ka mo a ka kgonang ka teng. Morago ga foo a ipatlela lefelo le a ka robalang mo go lone mo bojannyeng jo goletseng kwa godimo kafa tlase ga setlhare se segolo, se se tala se se nang le moriti.

Phiri o ne a nna le toro e e monate e e kaga dijo tse a neng a tla di ja moragonyana mo letsatsing leo. Ga go pelaelo gore e ne e tla nna senatwana sa nama se se besitsweng se se lekanang le sa ga Kgosi Tau! Phiri o ne a nna le monyenyo o mogolo mo borokong jwa gagwe.

Letsatsi le ne le setse le phirima fa kgabagare Phiri a tsoga mo borokong jwa gagwe jo bokhutshwane. O ne a ikotlolola gangwe le gape mme a tlhotlhora boroko mo mmeleng wa gagwe o o tshwerweng ke tlala. Morago ga foo a bula le go tswala molomo wa gagwe ka makgetlho a le mmalwa go katisa lotlhaa lwa gagwe gore a kgone go loma phologolo e a tla bong a e tsomile e a loma mo lefelong le le tshwanelang sentle.

“Ehe, ke nako ya gore ke ye go batla selalelo sa me,” ga rialo Phiri. “Ke tshwerwe ke tlala jaaka phiri, haa-haa-haa,” a tshega go fitlhela mmele wa gagwe o roroma.

Ka nakwana, Phiri o ne a ipotsa gore o tshwanetse go leba ntlheng efe. A o tshwanetse go ya kafa molemeng kgotsa kafa mojeng fa a fitlha mo ditlhareng tse di telele? O ne a bona letlapa le le sephaphathi mo bojannyeng jo bo boleta. Letlhakore le lengwe le ne le na le mmala o mosetlha, mme le lengwe le ne le na le mmalo o montsho. “Aheeee!” A goa jalo. “Ke tla latlhela letlapa leno kwa godimo mo moyeng, mme ke tla tlhopha bosetlha gore e nne letlhakore la go ya kafa molemeng mme ke tlhophe bontsho go nna la go ya kafa mojeng.” Letlapa le ne la wela mo letlhakoreng le lentsho. Ka jalo, kwantle ga go senya nako, Phiri o ne a leba kafa mojeng fa a fitlha mo ditlhareng tse di telele. O ne a nna a ntse a tlolatlola ka maroo a gagwe fa a ntse a tshematshema a ralala ditlhare.

Go ise go ye kae, Phiri o ne a bona se e ka nnang motswasetlhabelo sa gagwe sa ntlha – peba e nnye, e tshetlha ya sekgwa.

“Nnyaa, e nnye thata,” Phiri a akanya jalo. “Ga e a lekana le eleng go nna sejonyana se se tsosang keletso ya dijo.”

Phiri o ne a tshematshemela kwa pele, mme morago ga foo a bona lephoi la mmala o o pududu le bosetlha. Lephoi le ne le dutse mo pele ga setlhare se segolo, le komakoma mmu o o boleta le batla diboko.

“Mmmm, mma ke e tlogele bogolo,” Phiri a akanya jalo. “E santse e le nnye thata, mme ke tshwerwe ke tlala tota! Ke tla nna pelotelele. Mma re bone bogolo gore ke tla bona eng kwa mogobeng wa metsi.”

Fa Phiri a atamela mogobe wa metsi o ne a bokolela ka boitumelo. Modumo wa teng o batlile o nna kwa godimo go feta tekano! Fale, mo pele ga matlho a gagwe, o ne a bona sengwe se a neng a sa dumele gore se ya direga. Diphologolo tsa dipopego le bogolo jo bo farologaneng di ne di nwa metsi.

“Jaanong,” Phiri a akanya, “Ke tla tshwanelwa go nna botsipa.”

O ne a kukunela kwa pele ka tidimalo mme a leta. Morago ga moo a gagabela kwa pelenyana ka mpa ya gagwe. O ne a tshwanetse go nna kelotlhoko ka gonne diphologolo di kgona go dupelela sentle thata mme o ne a sa batle epe ya tsone e mmone. Phiri o ne a ikgoga go ralala sekgala sa bofelo sa bojang jo bo telele. O ne a itumetse thata jaana mo e leng gore o ne a felelwa ke moya ka gonne fela fa pele ga gagwe, go ne go na le tshepe e nnye e e neng e nwa metsi e ritibetse.

“Se se siame kgo,” Phiri a sebaseba jalo. “Jaanong go na le fela lefika le le bogale mo metsing a a phatsimang le le leng fa gare ga nna le dijo tsa me.”

Fa Phiri a tlola, o ne a tswala matlho a gagwe, a bula molomo wa gagwe mme a loma thata. Mme ka yone nako eo, notshi e ne ya mo loma mo ntlheng ya nko ya gagwe.

 

“Ijoooowee!” Phiri o ne a bokolela jalo ka ntlha ya botlhoko. Go loma ga notshi go ne go le botlhoko tota! Mme botlhoko jo mo mometsong wa gagwe bo ne bo le maswe le go feta. “Go direga eng? Notshi ga ya ntoma mo mometsong!”

Mme Phiri o ne a lemoga gore lefika le le bogale le dutse mo mometsong wa gagwe. O ne a fositse tshepe mme bogolo a metsa lefika!

“Ke ke ne tshwanetse go nna ke butse matlho!” a ngunanguna jalo a galefile fa a ntse a itsamaela a tsitile mogatla.

Ka kwa ga mogobe wa metsi, diphologolo tsotlhe di ne di dutse di tlhomagane jaaka ekete ke babogedi ba ba dueletseng pontsho nngwe. Di ne di itumelela motsotswana mongwe le mongwe wa tlalelo ya ga Phiri. Di ne tsa thubega ka setshego. Dingwe tsa diphologolo tse dinnye di ne di ipitikanya ka ntlha ya go ja monate.

“Letlapa e nna selalela sa gago!” Kgosi Tau a kurutla jalo, a kgatlhegile tota. “Mo lekgetlhong leno, Phiri o ithutile ka tsela e e botlhoko!”

Morago ga foo sekgwa se ne sa duma fa diphologolo tsotlhe di tshegela kwa godimo. Di ne tsa tshega go fitlha lefatshe le roroma. Lefatshe le ne la roroma thata jaana kafa tlase ga mmele wa ga Phiri mo e leng gore letlapa le ne la bofologa mme la photsega mo molomong wa gagwe. Diphologolo tse di kwa mogobeng wa metsi di ne tsa utlwa go bokolela go go kwa tlase kwa kgakala. Di ne tsa nyenya tsotlhe, mme go tswa foo sekgwa se ne sa nna le thethebalo le kagiso gape.

Nna le matlhagatlhaga a leinane!

  • O ikutlwa jang ka se se diragetseng ka Phiri? A o mo utlwela botlhoko kgotsa ga o mo utlwele botlhoko? A o ne o tla ikutlwa ka tsela e e farologaneng fa Phiri a ka bo a tshwere tshepe e nnye?
  • Kgosi Tau a re Phiri o ithutile sengwe. O akanya gore Phiri o ithutile eng?
  • A o kile wa ithuta thuto e e botlhoko? O ne wa ikutlwa jang fa o ne o ithuta thuto eo?