Seipone mo sekgweng
Home | Written stories | Multilingual stories | Seipone mo sekgweng

Written stories

Seipone mo sekgweng

Author

Ka Melody Ngomane

Illustrator

Ditshwantsho ka Magriet Brink le Leo Daly

E ne e le letsatsi le le mogote mo sekgweng sa Aforika fa Mmutla a tsaya tshwetso ya go gwantela kwa molapong go ya go nwa metsi. O ne a tsamaya ka bonya mo mogoteng mo tselaneng e e dithole fa a bona seipone se nyedima mo leseding la letsatsi. Mmutla o ne a ise a bone seipone mo botshelong jwa gagwe ka jalo o ne a akabetse gore ke phologolo ya mofuta mang. Fa a ntse a atamela, a gakgamala, go bona sekgwa ka fa gare ga seipone gammogo le mmutla o monnye o mosweu o o tshwanang le ena o mo lebile. Mmutla a taboga ka lebelo go ya go batla thuso.

“Thusang! Bathong thusang tlhe!” a goa.

Phokojwe o ne a ikhuditse mo moriting wa setlhare se segolo morago ga letsomo. E rile fa a utlwa Mmutla a opa mokgosi, a itira e kete ga a utlwa sepe mme a eletsa e kete diphologolo dingwe di ka mo thusa ka gonne ene o ne a tshwerwe ke letsapa. Fela ka ponyo ya leitlho, Mmutla a tshabela mo o neng a itapolosa gone.

“Phokojwe, tlhe nthuse! Ke serabu, ke serabu!” ga goa mmutla o monnye o mosweu.

“Serabu? Kae?” ga botsa Phokoje a edimola.

“Mo tselaneng e e yang kwa molapong. Se meditse sekgwa sotlhe le mmutla o monnye o mosweu o o tshwanang le nna,” Mmutla a bua a lela.

Kwa tshimologong Phokojwe a leleka Mmutla ka gonne o ne a sa dumele gore se a se buang se diragetse. “Fa e le gore serabu se meditse sekgwa, goreng re santse re le fa, re se mo mpeng ya serabu?”

Mmutla o ne a sa kgone go araba potso eo, fela a tswelela ka go kopa thuso. Phokojwe a ya go bitsa Lengau gore boraro jwa bona bo ye koo go bona serabu se se gakgamatsang.

 

Phokojwe le Lengau ba latela Mmutla go ya kwa serabu se leng gona. Ba tsamaya ka iketlo, ba nanabela seipone. E rile fa ba le gaufi thata, ba bona diphologolo di le tharo di ba lebile. Diphologolo tse di ka fa gare ga mpa ya serabu di tshwana le bona! Ba goa ka letshogo ba tshabela kwa molapong go bitsa Kubu.

“Kubu, tsweetswee e tla go re thusa. Serabu se meditse sekgwa le diphologolo di le tharo tse di tshwanang fela jaaka rona!” ga bua Phokojwe, a bua ka bonako jo bo kgonagalang.

Kubu o ne a sa ba reetse, a tswelela go ijesa monate ka go thuma gonne a akanya gore diphologolo di batla go mo tsietsa. Fela fa a bona ka mo di tshogileng ka teng, a tswa mo metsing. Jaanong Kubu, Lengau, Phokojwe le Mmutla ba tabogela kwa lefelong le seipone se leng gona.

Fa ba goroga koo, Mmutla le Phokojwe ba ema kwa morago ka gonne ba ne ba tshogile gore phologolo e e makatsang e ka ba kometsa. Lengau le Kubu ba tabogela kwa pele go tlhasela phologolo e e makatsang…fela e rile ba bona Kubu le Lengau tse dingwe di tla di tabogela kwa go bona, ba boela morago ka lebelo ba bile ba goa, “Serabu! Serabu!”

Diphologolo tsotlhe tsa taboga go ya go batla Tau mme tsa mmolelela dikgang tsa phologolo e e sa tlwaelegang.

“E meditse mmutla, phokojwe, lengau le kubu,” ga tlhalosa diphologolo tsotlhe di bua ka nako e le nngwe.

“E bile e meditse le sekgwa,” ga tlaleletsa Mmutla.

“Mme e bile diphologolo tse di mo mpeng ya sona di ne di batla go re tlhasela!” ga bua Kubu.

Tau o ne a ise a utlwe ka tiragalo e e ntseng jaana, ka jalo a bo a bitsa setlhopa sa ditau mme tsotlhe tsa taboga go ya go tlhasela serabu.Mmutla, Phokojwe, Lengau le Kubu ba mo sala morago.

Mo tseleng, ba kopana le Kgabo, yo o neng a lebega e kete o batla sengwe. A tlolela fa pele ga Tau.

“Ao Tau, ke itumelela go go bona,” a bua jalo. “Tsweetswee ke kopa o mpatlise seipone sa me. Ke akanya gore mongwe o se utswitse.”

“Tloga mo tseleng ya me, Kgabo. Go sengwe se se botlhokwa se re tshwanetseng go se dira. Re mo lebelong go ya go tlhasela serabu se se meditseng diphologolo le sekgwa,” ga bua Tau a fela pelo.

Kgabo a tloga mo tseleng fela a swetsa go tsamaya le diphologolo tse dingwe ka gonne o ne a batla go bona gore serabu se lebega jang.

Fa diphologolo di goroga gaufi le fa seipone se leng gona, ditau, Kubu le Lengau tsa ema di ipaakanyeditse go tlhasela. Tsa tloga tsa tabogela kwa seiponeng! Fela e rile di bona setlhopha sa diphologolo tse di šakgetseng di tabogela kwa go tsona, tsotlhe tsa phatlhalala mo bojannyeng jo boleele. Dingwe tsa tsona tsa rapalala fa fatshe, dingwe tsa iphitlha mo ditlhatshaneng, mme dingwe tsa palama ditlhare.

Fa Kgabo a lemoga gore se diphologolo di se tshabang ke seipone sa gagwe, ya wa ka ditshego. Ya tabogela kwa go sona, ya iteba mo go sona ya tshega, ya re “Ke ne ke go batla letsatsi lotlhe, seipone sa me.”

Fa diphologolo di bona Kgabo a ntse fa pele ga phologolo e e makatsang le ka mo serabu se leng botsalano le yone, tsa tswa mo di neng di ntse di iphitlhile teng mme tsa simolola go botsa Kgabo dipotso malebana le phologolo e e sa tlwaelegang e.

“Se ke seipone, ga se phologolo. O iteba mo go sona. Bonang ke nna mo seiponeng,” ga tlhalosa Kgabo, a tshotse seipone.

Fa diphologolo di utlwa se, le tsona tsa thubega ka setshego mme tsa nna sebaka se seleele di itebile mo seiponeng.