Sefako le kwena e e opelang
Home | Written stories | Multilingual stories | Sefako le kwena e e opelang

Written stories

Sefako le kwena e e opelang

Author

E kwadilwe ke Rudo Mungoshi

Illustrator

E tshwantshitshwe ke Samantha van Riet

Dingwaga di le dintsi tse di fetileng, kwa motsenaneng o o kgakala-kgakala, go ne go na le mosetsana yo montle a bidiwa Sefako. Sefako o ne a gapa dipelo di le dintsi tsa banna mo motseng. Ba ne ba kwala dipina le maboko ba galaletsa bontle jwa gagwe. Fela Sefako o ne a se na kgatlhego ya go nyala ope magareng ga bona, mme se se ne sa šakgatsa rraagwe mo go maswe ka gonne o ne a akanya gore ke nako ya gore morwadi wa gagwe a nyalwe.

Se Sefako a neng a sa se itse ke gore o ne a na le mongwe yo sa tlwaelegang yo o neng a mo rata mo sephiring! Mme moeletsi wa sephiri e ne e le kwena e e neng e nna mo nokeng e a neng a gelela metsi mo go yona. Tsatsi lengwe le lengwe, diura di se kae pele letsatsi le tlhaba, Sefako o ne a tsamaya mo leribeng la noka ka nkgo ya gagwe go gelela metsi a go apaya dijo tsa go lalela.

Sefako o ne a itlwaeditse go rapama metsotswana e se mekae ka fa tlase ga setlhare se o se ratang fa a fetsa go gelela metsi mo nokeng. Ka gale kwena e ne e iphitlha mo metsing e mo lebile a robetse. E ne e eletsa go bua le ene fela e sa itse gore e ka bua nae jang kwa ntle ga go mo tshosa.

Ka lengwe la malatsi kwena ya ipeta sebete go tla gaufi le Sefako morago ga go tshwarwa ke boroko. Kwena e e neng e phophoma lorato e ne e itumetse go nna gaufi le Sefako mme ya simolola go opela ka lorato le o mo ratang ka lona.

 

 

Sefako o ne a utlwa pina e e monate a ntse a pitikologa mo borokong, a akanya gore o a lora. Kwena e ne e sa batle gore Sefako a phaphame mo borokong gore a mmone, ka jalo a nwela mo metsing ka bonako.

 

Se se ne sa diragala gape mo letsatsing le le latelang…le lengwe le le latelang… le le latelang gape. Sefako o ne a utlwa kwena e mo opelela mo borokong fela fa a phaphama, a fitlhela go se ope mo tikologong. O ne a utlwa fela matlhare a gwasa ka bofefo gammogo le maradu a lelela dinamane kgakajana.

 

Molodi wa pina o ne wa gapa maikutlo a gagwe, mme Sefako o ne a rata go bona moopedi le go feta. Ka jalo Sefako a simolola go batla lentswe le le molodi go tswa mo matlhakeng, ditlhareng le mo bojannyeng fela a se bone ope.

 

Ka letsatsi lengwe, Sefako a tsaya tshwetso ya gore ga a kitla a tswelela go batla moopedi wa dikgakgamatso gape. Boemong jwa se, o ne a batla go tshwara mong wa lentswe le le molodi!

 

Sefako a tswelela go ga metsi kwa nokeng jaaka tlwaelo fa a fetsa a ya go lala ka fa tlase ga setlhare se o se ratang a itira yo o tshwerweng ke boroko. Jaaka tlwaelo, kwena e e neng e phophoma lorato ya gagabela mo leribeng la noka go mo opelela.

 

Erile fa Sefako a utlwa lentswe le le molodi, a bula matlho ka bonako mme a fitlhela matlho a gagwe a lebagane le a …KWENA!

 

Sefako o ne a tshogile thata! Ka bonako, kwena ya gagabela mo dinaong tsa gagwe, e itaya nkgwana ya gagwe ya letsopa e tshololela metsi fa fatshe. A simolola go tshabela mo leribeng la noka, ka bomadimabe, a relela mo letlapeng mme a wa, a itaagana fa fatshe ka modumo o mogolo. Kwena e e neng e phophoma lorato, e e neng e mo setse morago, e ne e le gaufi e mo lebile. E rile fa e atamela, Sefako a aparelwa ke letshogo.

 

“O seke wa tshoga,” ga bua kwena ka boikobo. “Ke ne ke go leba o rapame fa tlase ga setlhare malatsi a le mantis, fela ga ke ise ke go tlhasele. Goreng nka fedisa botshelo jwa gago jaanong?” Ka jalo kwena ya simolola go opela pina e e thobang maikutlo mme pelo ya ga Sefako ya ritibala.

 

Jaaka letshogo le fedile, mosetsana yo montle a nna fa fatshe mme a reetsa lentswe le le neng le mo ama pelo le maikutlo.

 

Morago ga fa, Sefako o ne a tabogela kwa nokeng go kopana le kwena e e opelang phirimane nngwe le nngwe, mme morago ga sebaka, a swetsa gore o batla go nyala kwena.

 

Kwa bokhutlong, a ipetsa mafatlha go bolelela rraagwe.

 

Rraagwe Sefako o ne a swabile nko go feta molomo! “A mme kwenanyana e ya gago e na le dikgomo tsa go duela bogadi?” a botsa a šakgetse. “A e tla kgona go go naya bana le go go agela lelapa?”

 

Le fa e le gore rraagwe Sefako o ne a sa mo rebolela go nyala kwena, maikutlo a gagwe ga a ka a fetoga. E rile fa rraagwe a lemoga gore morwadiagwe ga a kitla a fetola maikutlo, a mo lotlelela mo ntlwaneng nngwe ya mo motseng. Letsatsi lengwe le lengwe fa tadi e amusa, a mo tlisetsa dijo le go mo lekola fa a itekanetse.

 

Fela ka letsatsi lengwe rraagwe Sefako a lebala go lotlela mojako ya ntlwana. Sefako a ema nako e telejana go netefatsa gore go bolokesegile pele a bula mojako mme ka bonako a tshabela kwa nokeng.

 

E rile fela fa a goroga, Sefako a goa, “Kwena, Kwena, ke nna Sefako!” Kwena, e e neng e mmatla ka tlhwaafalo malatsi a le mantsi, ya biloga mo metsing go mo dumedisa.

 

Mo letsatsing le le latelang, rraagwe Sefako a lemoga gore o nyeletse, mme a šakgala thata! E rile a ntse a betilwe ke pelo, a phamola molamu mme a latela motlhala wa dinao tsa morwediagwe go ya kwa nokeng. O ne a ipeditse mafatlha gore o tlile go thibela morwediagwe go nyala kwena.

 

Erile fa a goroga mo losing lwa noka, a bona Sefako a thuma mo nokeng mme kwena e le ka fa thoko ga gagwe.

 

“Sefako, Sefako,” a goa. “Boa o tle kwano gona jaanong! Ga wa letlelelwa go nyala kwena eo.”

 

 

Sefako a retolola tlhogo ya gagwe mme a laela rraagwe ka go tsholetsa seatla mme a tswelela go thuma le kwena. Rre yo o mo kutlobotlhokong a leba go se se o ka se dirang jaaka morwadie le kwena ba nyelela mo metsing.

 

E rile morago ga sebaka se seleele, Sefako a boa jaaka moeng mo motseng. Pelo ya ga rraagwe e ne e phophoma ka boitumelo go mmona. O ne a mo tlhoafaletse thata, mme mo sebakeng se, o ne a itse gore a direng.

 

“Ke a lo amogela, ke lo amogela bobedi jwa lona,” a bua jalo, a taboga go dumedisa Sefako le kwena. A boa a leba kwena mme a re, “O amogetswe mo lelapeng la rona.”

* Sefako o ne a rata kwena thata. A o akanya gore go a kgonagala go rata kwena? Goreng o ka e rata kgotsa wa se e rate?

* Fa e le gore o ne o ka nna tsala ya phologolo, ke phologolo e fe e o neng o ka itlhophela yona, goreng o tlhopha yona?

* Thala setshwantsho sa phologolo e o e ratang. Kwala pina kgotsa leboko ka phologolo e o e ratang.