Re tshwanetse go tsamaya! | Nal'ibali
Home | Written stories | Multilingual stories | Re tshwanetse go tsamaya!

Written stories

Re tshwanetse go tsamaya!

Author

Helen Brain

Illustrator

Rico

Translator

E ranotswe ke Opelo Thole

Go ne go le Labobedi mme go ne go se na sekolo. Bana botlhe ba ne ba kopana kwa laeborari ba kopanela letsatsi le le kgethegileng. E ne e le Letsatsi la Kitso ya go buisa le go kwala mme batho go tswa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba tlile go buisa le go kwala le go reetsa mainane ka lone letsatsi le.

Neo o ne a itumetse tota. Mokwadi wa gagwe yo a mo ratang, Joan Rankin, o ne a tlile go tla mo laeborari go buisa go tswa mo dibukeng tse a neng a di kwadile, mme rragwe o ne a mo solofeditse go mo isa gore a mmone. Neo o ne a kwadile buka e e kgethegileng ka ene, mme o ne a gakaletse go mo fa yone.

Mme fa Neo a tsoga mo mosong wa Labobedi, go ne go utlwala modumo o o sa tlwaelegang go tswa mo kitšhining. O ne a ya go leba. Motšhini o o tlhatswang o ne o dira modumo o o tudukanang mo go boitshegang, e kete motho a gotlhola e bile e kare o tlile go thunya.
story-illo1-fin.-loresjpg

Rragwe Neo o ne a tla go bona. “Ao nnyaa!” o ne a rialo. “Pompo e tshwanetse ya bo e robegile. Go tlile go ja madi a mantsi thata go e baakanya. Re ka nna ra tshwanela go reka motšhini o o feletseng o montšhwa.”

“Re ka se kgone go reka motšhini o o tlhatswang o montšhwa,” mmagwe Neo o ne a rialo. “A o ka se kgone go o baakanya, tsweetswee? Ke tshwanetse go ya tirong, mme go na le diaparo tse dintsi tse di leswe.”

Ntate o ne a sa rate go bona mmagwe Neo a hutsafetse jalo mme o ne a re, “Ke tla o baakanya. Neo o tla nthusa. Ke tla batla webosaete e e mpontshang go baakanya metšhini e e tlhatswang e e robegileng.”

“Mme fela Ntate, o ntsholofeditse go nkisa kwa laeborari,” ga rialo Neo.

“Iketle pele ka seo, Neo. Motšhini o o tlhatswang o botlhokwa thata. Ka gongwe Koko a ka go isa kwa teng,” Ntate o ne a rialo.

“Go na le kwa ke yang teng gompieno,” Koko o ne a rialo, a tshikinya tlhogo ya gagwe. “Ke maswabi, Neo. O tla tshwanela go ya koo mo bekeng e tlang.”

Neo o ne a utlwile botlhoko tota. “Mme fela Ntate, o ntsholofeditse gore o tlile go nkisa kwa laeborari,” o ne a rialo. “Re tshwanetse go tsamaya ka bonako.”

Ntate o ne a ya go tsaya lebokoso la gagwe la didiriswa mme o ne a batla tshedimosetso ka google, “Tsela ya go baakanya pompo ya motšhini o o tlhatswang” mo selefounung ya gagwe.

“O a bona!,” o ne a raya Neo, a mmotsha tsebe. “Se ga se bontshe se le boima.” Mme jalo, o ne a goga motšhini a o ntsha fa o nnang teng le go o retolola gore a kgone go ntsha karolo ya ona e e ka fa morago.

Mme go baakanya motšhini go ne go le boima thata go feta ka moo go neng go bonala ka teng.

“Go na le setshwantsho fa,” Ntate o ne a ngongorega, a lebile mo founung ya gagwe. “Mme e nnye thata, ga ke kgone go bona gore eng se tsena fa kae.”
Lowres2

Ke fa Ntate a digela sekurufu sengwe mo fatshe mme se ne sa kgokologela mo tlase ga setsidifatsi, jalo o ne a tshwanetse go goga setsidifatsi gore a ntshe sekurufu. Neo o ne a leba nako. E ne e le metsotso e le someamararo morago ga ura ya borobonngwe. Go ne go setse metsotso e le someamararo fela gore Joan Rankin a goroge kwa laeborari.

“Tsweetswee, Ntate,” o a ne a rialo, a ntse a tlolatlola. “Tsweetswee, dira ka pele gore re kgone go ya kwa laeborari. Re tshwanetse go tsamaya jaanong.”

“Ke tshwaragane le tiro fa mme ga o thuse, Neo!” Ntate o ne a lebega a tenegile.

Neo o ne a hutsafetse. Rragwe o ne a mo solofeditse go mo isa, mme jaanong sengwe le sengwe se ne se sa tsamaye sentle.

“NNYAA, NNYAA, NNYAA,” Ntate o ne a goa. “Ga ke dumele se!”

“Ke eng?” Neo o ne a botsa ka lentswe le lennye.

“Jaanong beteri ya founu ya me e kwa tlase!” Ntate o ne a goa. “Tsweetswee ntlele tšhajara.”

Mme ka nako eo motlakase o ne wa tima:

“Ao nnyaa,” ga rialo Neo. “Jaanong motlakase o timile.”

Ntate o ne a bonala a tenegile. “O ke Labobedi o o maswe go feta. Ke ne ke le gaufi le go fetsa go baakanya motšhini mme jaanong ga ke kgone go buisa ka ga se se latelang se ke tshwanetseng go se dira.”

Neo o ne a oba tlhogo. “Ee, ke Labobedi o o maswe thata. Ga o kgone go baakanya motšhini, mme ke tlhaela go bona Joan Rankin,” mme o ne a se ke a bua sepe gape gonne o ne a kgona go bona gore Ntate o ne a hutsafetse thata. Neo o ne a itatlhela mo fatshe fa tafoleng ya kitšhini mme o ne a fitlha tlhogo ya gagwe mo gare ga matsogo a gagwe.

Ntate o ne a phutha le go baya didiriswa tsa gagwe. “Ga go sepe se se kalo se re ka se dirang jaanong,” o ne a rialo.

Neo o ne a tsholetsa tlhogo ya gagwe go se kae. Tshupanako e ne re ke metsotso e le lesome pele ga ura ya lesome. Ba ne ba santse ba ka ya kwa laeborari – ba ne ba tla nna thari, mme o ne a santse a ka kgona go bona Joan Rankin e bile o ne a santse a ka kgona go mo naya mpho ya gagwe. O ne a phetlha ditsebe tsa buka e nnye e o neng a e dirile. O ne a kwadile leinane le go thala ditshwantsho, mme Koko o ne a mo thusitse go e kopanya le go mo direla tsebe ya kwa ntle. Ntate o ne a kgwa mowa. O ne a sela buka ya ga Neo. O ne a botsa “Ke eng se, Neo?”

“Buka ya me,” go ne ga rialo Neo ka lentswe le lennye. “Ke ne ke tlile go e neela mokwadi wa me yo ke mo ratang kwa …” Ga a ka a fetsa polelo.

“Tla re tsamaye,” ga bitsa Ntate, a phamola dinotlolo tsa koloi ya gagwe. “Re tshwanetse go tsamaya JAANONG! Re santse re ka fitlha kwa laeborari ka nako fa re ka itlhaganela.”

Joan Rankin o ne a simolotse go buisetsa bana leinane la gagwe fa Neo le Ntate ba itlhaganela go tsena mo laeborari. Neo o ne a bona setilo kwa morago mme o ne a nna mo fatshe go reetsa. Leinane la gagwe le ne le le monate, mme le ditshwantsho tsa gagwe di ne di le dintle. Neo o ne a solofela le go eletsa gore o tla kgona go thala jalo ka letsatsi lengwe.

Mme se se gaisang mo go tsone tsotlhe? Fa a sena go fetsa mme Neo a mmotsha buka ya gagwe, o ne a nagana gore e ntle.

“A o kwadile leinane le lotlhe ka bowena?” o ne a mmotsa.

“Ee,” ga rialo Neo. “E bile ke thadile le ditshwantsho. Ke mpho ya gago, Mma.”

Ke fa Joan Rankin a bula kgetse ya gagwe mme a ntsha nngwe ya dibuka tsa gagwe. O ne a kwala mo teng, “Ke ya ga Neo, yo o dirang dibuka tse dintle “, mme o ne a saena leina la gagwe ka ditlhaka tse dikgolo le go mo fa yone.

Neo o ne a itumetse tota. O ne a tlamparela buka mme a sa batle go e tlogela.

Ka yone nako eo Ntate o ne a tla fa go ene. “Ga o kitla o dumela, ” o ne a rialo. “Ke bone buka e e ka ga tsela ya go baakanya metšhini e e tlhatswang, mme bona – ditshwantsho di dikgolo e bile di bonala sentle. Goreng o ne o sa mpolelele gore laeborari e na le dibuka tse di jaana, Neo?”
lowres3

Ntate o ne a tlamparela Neo. “Dibuka di a kgatlhisa. Dibeteri tsa tsone ga di nke di fela, mme o ka kgona go di buisa le fa motlakase o tima.”

Neo o ne a nyenya ka boitumelo le go tsenya tlhogo. E ne e le nnete. O ka buisa buka gongwe le gongwe ka nako nngwe le nngwe.