Peba ya kwa Magaeng le ya kwa Metsesetoropong
Home | Written stories | Multilingual stories | Peba ya kwa Magaeng le ya kwa Metsesetoropong

Written stories

Peba ya kwa Magaeng le ya kwa Metsesetoropong

Author

E kwadilwe ke Jacqui L’Ange

Illustrator

E tshwantshitswe ke Patrick Latimer

Peba ya kwa Magaeng ekile ya ya toropong go ya go reka diborele tse dintšhwa. E ne ya kopana le Peba ya Motsesetoropo kwa seteišeneng. “O amogetswe ntsalake,” ya rialo. “Ke itumelela go go bona,” ga bua Peba ya kwa Magaeng, lefa tota e ne e sa kgone go bona sentle. A lebelela kwa godimo, fela botala jwa legodimo jwa bo bo fitlhilwe ke dikago tse dithokwa.

Peba ya Magae e ne ya rwala digalase tsa yona. “Ditlhare di kae?” ya botsa. “Ke mang yo o tlhokang ditlhare?” ga botsa Peba ya Motsesetoropo. “Dikago tsa matlhatlaganyane di goletse kwa godimo jang!” Peba ya Magae ya gotlhola. ‘’ Ke batla go ya gae’’. “Mo nageng ga go ke go diragala sepe,” ga bua Peba ya Motsesetoropo. “A ga o jewe ke bodutu?” Peba ya Magae ya tshega.

“Tlaa o iponele!” Sa ntlha fela se Peba ya Motsesetoropo e se itemogetseng e ntse tidimalo le kagiso. Peba ya Magae e ne e dula mo tlase ga setlhare se se sephara, ka fa tlase ga loapi lo lo tala. “Reetsa,” Peba ya Magae ya rialo. E ne ya utlwa kgaratlho le mosumo le mongwapo-ngwapo. “Dinonyane di ja le rona meretlwa,” ga bua Peba ya Magae.

“Dinotshe le tsona di re abela mamepe. Botshelo bo monate!” Ga tlhagelela sebopiwa se se phatshimang e bile se le kgolokgwe, se kgorometsa bolo fa pele ga Peba ya Motsesetoropo ka maoto a sona a a gwaletseng. “Khukhwana ya boloko (Tlabue) e a phepafatsa.” “Thwane yona e dirang?” “E a re ja,” ga bua Peba ya kwa Magaeng. “Sia!”  

Go ne go lekane tota mo go Peba ya Motsesetoropo. “Nka mpa ka sutela pharakano go na le go sutela katse e e boifisang!” Peba ya Magage ya dula kwa legaeng la gagwe la kwa magaeng, kwa a itumeletseng kagiso le tidimalo. Gangwe le gape o ne a ya go reka kwa torokgolong. Fela fa a ne a le koo, o ne a netefatsa gore Peba ya Motsesetoropo e teng go mo sireletsa.

Peba ya Motsesetoropo ya boela kwa lefelong la bonno lwa yona kwa totopong. Fa go ne go nna modumo thata, o ne a ya malatsing a boikhutso kwa go ntsalae. Go lebega e kete re rata mafelo a re a itseng go gaisa. Ke eng se o se ratang ka ko o dulang gona?

 

Monate wa Nal’ibali

Megopolo e re ka buang ka yona

A o na le bontsalao? O nna kae? A o ne o ka rata go nna kwa magaeng kgotsa kwa ditoropong? Goreng? Botshelo kwa magaeng le kwa ditoropong bo farologane jang?

Se se bonwang ka matlho

O nna kae? Terowa setshwantsho sa legae la lona le lefelo le le le dikologileng.

Go Bala

Leba setshwantsho seno sa kwa magaeng sentle. Bala mokwalo o o mo ditsebeng tseno gape o bo o batla nngwe le nngwe ya diphologolo le dilo tse di mo setshwantshong seno.

Go Kwala

A legae la lona ke lefelo le o le ratang thata? Kgotsa a o rata golo gongwe go sele? Kwala lenaane la mabaka a go bo o ratile lefelo leno. 

Botaki

Dira lebokoso le le mo magareng go dira serubi sa peba. Dirisa mabokose a mannye (jaaka mabokose a mmetšhisi), dikhurumelo tsa mabotlolo le dilo tse dingwe tse di latlhilweng go dira difenitšhara tse dinnye tsa ntlo e e ka lekanang peba. O ka kgona go kgabisa fenitšhara ka makgasa a matsela kgotsa dipampiri tsa mebala e e farologaneng. La bofelo, dirisa tlhabego ya go tshameka kgotsa mmopa go dira dipebanyana tse di tla nnang mo ntlong.

Tiragatso

Bolela leinane la gago gape o dirisa batho ba gago mo boemong jwa Peba ya kwa Magaeng le ya kwa Metsesetoropong.