Nkgo ya ga Mme e ntle
Home | Written stories | Multilingual stories | Nkgo ya ga Mme e ntle

Written stories

Nkgo ya ga Mme e ntle

Author

Helen Brain

Illustrator

Heidel Dedekind

Translator

Lorato Trok

Ashley o ne a dira diphazele fa kgaitsadie yo mogolo, Ben a tsena mo phaposing ya boitapoloso. 

 

“Kamoso ke Letsatsi la Bomme,” a rialo. “Re tshwanetse go direla Mme sengwe se se kgethegileng. A o tla nthusa?” 

 

Ashley a phaphatha diatla. “Ee ruri, Ben. A re ya mabenkeleng?” 

 

“Nnyaa, ke setse ke mo reketse mpho. A o batla go bona?” 

 

Ashley o ne a sala kgaitsadie morago go ya kwa karatšheng. Mo bankeng, mo tlase ga šiti, go ne go le šelofo e ntle ya legong ya sebopego sa pelo. 

 

“Ke ne ke gopotse gore re e tshase pente ya mmala wa botala jwa legodimo,” Ben a rialo. 

 

“Ee ruri,” Ashley a rialo. “Mme o rata mmala wa botala jwa legodimo. O tlile go rata mpho ya gagwe.” 

 

Ben o ne a bona maratšhe a mabedi a pente, le pampiri ya go gotlha, mme ba simolola go dira. Ba simolotse pele ka go gotlha šelofo, ba latela ka go tshasa pente e tshweu ya kwa tlase mme ba feleletsa ka go e tshasa pente e e phatsimang ya mmala wa botala jwa legodimo. Šelofo e ne e le ntle. 

 

“Lona ba babedi lo dira eng moo?” Mme a botsa fa a fitlha mo gae go tswa mabenkeleng. 

 

“Sepe! Tsamaya!” Ben a goa. 

 

“Ke mpho e o sa e lebelelang,” Ashley a tshegatshega. 

 

Motshegare oo Mme o ne a ya go baakanya moriri wa gagwe. 

 

“Ka bonako, Ashley,” Ben a goa, “ke nako ya go aga šelofo. A o tla kgona go tshwara dikurufu tse le sesokakurufu fa ke phunya maroba mo leboteng? O se ke wa latlha dikurufu. Ga ke na tse dingwe gape.” 

 

Ashley o ne a tshwara sesokakurufu le dikurufu fa Ben a lekanya gore šelofo e tla tsena kae mo leboteng. Jaanong a itswala ditsebe fa Ben a phunya maroba a mararo. 

 

“Ke eo jaanong,” Ben a rialo. “Jaanong mphe sekurufu sa ntlha.” Ka kelotlhoko o ne a kokotela šelofo mo leboteng. “Jaanong mphe dikurufu tse dingwe tse pedi, Ashley,” a rialo. 

 

Mme Ashley o ne a bona fela sekurufu se le sengwe. Se sengwe se ne se se teng mo kgetsing ya gagwe. Se ne se se mo fatshe, kgotsa mo morago ga sofa. Se ne se latlhegile. E ne e setse e nna ura ya botlhano. Mme a ka fitlha mo gae motsotso mongwe le mongwe. 

 

“Se tshwenyege,” ga rialo Ben. “Se se siame gone jaanong. Ke tla reka se sengwe mo gare ga beke.” 

 

“Re tla baya eng mo godimo ga šelofo?” Ashley a botsa. 

 

“Ke nagana nkgo ya ga Mme e ntlentle e nkoko a mo e fileng,” Ben a rialo. “Le ditlhomo tsa gagwe tsa kerese tse a di ratang.” 

 

“Le sejana se ke se gapileng kwa sekolong sa go nna sebuisi se se kwa setlhoeng?” Ashley a botsa. 

 

“Sentle fela,” Ben a rialo. “Le senepe sa ga Mme le nna le wena fa o ne o le lesea. O rata setshwantsho seo.” 

 

Ka kelotlhoko ba ne ba rulaganya dilo tsa ga Mme tse di kgethegileng mo šelofong. Jaanong Ben o ne a ala šiti mo godimo ga šelofo gore e fitlhege. 

 

Metsotsonyana fela morago ga moo Mme o ne a goroga mo gae. “Dumelang, dumelang,” Mme a goa. “Ke eng se lo ntseng lo se dira lona ba babedi?” 

 

“Ke mpho e o sa e lebelelang” Ashley a tshegatshega, “e bile ga o a letlelelwa go bona se se kwa morago ga šiti.” 

 

“Ke itumetse thata,” Mme a rialo. “Ke tshepa e le sengwe se se kgatlhisang.” 

 

“A o tshepisa gore ga o kitla o okomela?” Ashley a botsa ka nako ya go robala. 

 

Mmagwe a mo tsenya mo dikobong mme a mo atla. “O mosetsana wa me yo ke mo ratang thata. Ke a tshepisa gore ga nkitla ke tsholetsa le sekhutlwana sa šiti tota.” 

 

E ne e setse e le mo mosong fa Ashley a tsosiwa ke modumo o mogolo. O ne a tlola mo bolaong. Ben le Mme ba ne ba eme mo phaposing ya boitapoloso, ba labile tlhakatlhakano e e mo fatshe. 

 

“Nnyaa tlhe,” Ben a goa, “šelofo e wele mo leboteng.” 

 

“Nnyaa tlhe,” Ashley a goa, “Mpho ya ga Mme ya Letsatsi la Bomme e senyegile.” 

 

“Nnyaa tlhe,” Mme a goa, “nkgo ya me e ke e ratang e thubegile go nna manathwana.” 

 

Mongwe le mongwe o ne a tlhoafetse. Mme o ile a dula mo sofeng a leka go se lele. 

 

“Re tla e phepafatsa,” Ben a rialo. “Mme, boela kwa dikobong.” 

 

“Letsatsi la Bomme le le monate,” Ashley a bua a utlwile botlhoko. 

 

Ben o ne a tsaya lefeelo mme a feela manathwana otlhe a nkgo ya ga Mme e ntle. O ne a utlwile botlhoko thata. “Nkoko wa ga Mme o mo file nkgo eo mme jaanong e thubegile.” O ne a latlhela manathwana mo motomong wa matlakala. “Re tla tshwanela ke go ya go robala le rona,” Ben a bua le Ashley. “Ga e se e nne nako ya go tsoga.” 

 

Ashley o ne a lebelela šelofo mo fatshe. E ne e le mpho e ntle. Jaanong ga go na sepe se ba yang go se fa Mme fa a tsoga. 

 

Ashley o ne a lebelela mo gare ga motomo wa matlakala. Manathwana otlhe a nkgo a ne a le mo gare. Gongwe a ka dirisa sekgomaretsi go e baakanya? O ne a tsholetsa motomo mme a tabogela kwa karatšheng. Mo godimo ga šelofo go ne go na le pitsa e kgolo ya sekgomaretsi. O ne a ala kuranta mo setulong se se telele mme a tshololela motomo mo fatshe. Go ne go na le manathwana a mantsi! O ne a tla itse jang gore nngwe le nngwe ya tsona e tsena kae? 

 

“Ke a bona!” a goa. “E tshwana le phazele. Manathwana a mantsi a a kopanngwang. Ke tla simolola pele ka go batla a a nang le sekhutlo se se tlhamaletseng. E tshwanetse e be e le yona molomo wa nkgo. Mme karolo e kgolo e e na le mogala, e tshwanetse e be e le letlhakore. Go tshwanetse go be go na le letlhakore le lengwe – aha ke le.” 

 

Fa a fetsa go baya manathwana otlhe ka tsela e e siameng o ne a simolola go a kgomaganya. E ne e le tiro e e thata. Sekgomaretsi se ne sa kgomarela mo menwaneng ya gagwe, gape o ne a tshwanetse go emela gore manathwana a ome. Go tshotse nako e telele. 

 

Kwa bofelong nkgo e ne e fedile. E ne e sa tshwane gotlhelele le ya pele. E e ne e kokomogile mo letlhakoreng le lengwe, mme molomo wa yona o ne o sokame, mme Ashley o ne a itse gore Mme a ka se bone pharologano. 

 

Ashley o ne a lebelela kwa ntle ga letlhabaphefo. Moagisani, Moh Du Toit o ne a nosetsa merogo ya gagwe. Moh Du Toit o ne a le botlhale e bile a kgona go dira sengwe le sengwe. Ashley o ne a tabogela kwa terateng. “Ka kopo tlhe, a o ka nkadima sekurufu se le sengwe mme o nthuse go baakanya šelofo?” a botsa, mme a bolelela Moh Du Toit kgang yotlhe. 

 

“Ee,” Moh Du Toit a rialo. “Ke tla tla ka gangwe.” 

 

Mme o tsogile ka ura ya borobongwe. O ne a sa ntse a tlhoafetse. O fitlhetse Ashley a ile ka boroko mo sofeng, le šiti e khurumeditse sengwe mo leboteng. 

 

“O tsogile o dira eng moso otlhe, Ashley?” a botsa. 

 

“Bona!” Ashley a goa. “Letsatsi la Bomme le le monate. Mpho ya gago e mo morago ga šiti.” 

 

Mme o ne a ntsha šiti ka kelotlhoko mo leboteng. Go ne go le šelofo ya mmala wa botala jwa legodimo le setlhomo sa dikerese, le sejana, le … NKGO YA GA MME E NTLE. 

 

Mma a phaphatha diatla tsa gagwe. “O kgomareditse manathwana a yona!” a goa. “E kete e ntšhwa. E ntle go feta e ntšhwa. Ke mpho e ntle e nkileng ka e fiwa,” a rialo, a tlamparela Ashley thata. 

 

Ben le ena o ne a tlamparela Ashley. “O botlhale thata!” a rialo. “O bolokile Letsatsi la Bomme.” 

 

Ashley o ne a le motlotlo. Nkgo ya ga Mme e ne e sa tshwane gotlhelele, mme e ne e setse e lebega e le ntle mo šelofong e ntšhwa ya mmala wa botala jwa legodimo.