Moengele o ntse jang?
Home | Written stories | Multilingual stories | Moengele o ntse jang?

Written stories

Moengele o ntse jang?

Author

Njabulo Mokoena

Illustrator

Chantelle le Burgen Thorne

Sharon o ne a rata sekolo, ditsala tsa gagwe le lelapa la gagabo.

Ka letsatsi lengwe kwa sekolong, Morutabana Jane o ne a ba bolelela ka baengele. Sharon o ne a itumetse thata ka se a se ithutileng mo e leng gore fa a fitlha kwa gae ka letsatsi leo, o ne a bolelela mmaagwe ka dilo tsotlhe tse dintle tse baengele ba di dirang.

Fa a ntse a ja seneke sa morago ga sekolo o ne a botsa mmaagwe jaana: “Mama, moengele o ntse jang?”

Mama o ne a re: “Ga ke itse moratiwa.” A bo a mmotsa a re: “Morutabana Jane o ne a re moengele o ntse jang?”

 

what_does_an_angel_look_like.aw01_lo_res.jpg

Sharon o ne a hemela kwa godimo, a bo a re: “O ne a re re tla itse moengele fa re mmona.” Mme o ne a eletsa e kete Morutabana Jane o kabo a ba boleletse gore tota moengele o ntse jang. Bobotlana Sharon a ka bo a itse gore a batle eng!

Mama o ne a mmotsa jaana: “A ga o dumele Morutabana Jane?”

Sharon o ne a re: “Ga ke itse. Ke ipotsa fela gore ke tla bona jang moengele fa ke sa itse gore ke batla eng.” Go tswa foo a fetsa go ja seneke sa gagwe mme a baya poleite le kopi ya gagwe mo sinking ya kitšhini.

Mama a bo a re: “Tsweetswee ke kopa o tle go nthusa go phepafatsa tafole. Tsenya matlape a merogo mo bining ya monontsha mme o bo o baya le borotho tsweetswee.”

Sharon a bo a re: “Ebu, Mama.” A bo a dira se mmaagwe a mo kopileng go se dira ka bonako.

Maitseboa ao, fa rraagwe a tla gae go tswa tirong, Sharon o ne a sianela kwa kgorong go ya go mo dumedisa. O ne a tsaya kgetsi ya gagwe ya kwa tirong a bo a mo tshwarela yone. Rraagwe o ne a mo tlamparela a bo a nyenya.

Kwantle ga go naya rraagwe sebaka sa go nna fa fatshe, Sharon o ne a re: “Papa, ke na le potso.”

Rraagwe a botsa jaana ka monyenyo o mogolo: “Bua ke utlwe, moratiwa, potso ya gago ya reng?”

“Papa, moengele o ntse jang?”

Rraagwe a re: “Mma re bone, baengele ba molemo, ba pelonomi e bile ba a ratega.”

Sharon a re: “Ke a itse. Morutabana Jane le ene o ne a rialo. Mme ke ne ke batla go itse gore tota ba lebega jang.”

Rraagwe o ne a mo leba a bo a akanya go sekae. Morago ga foo a re: “Ke tla tsamaya le wena ka mafelobeke gore re ye go bona mongwe wa bone.”

Sharon o ne a itumetse thata. A botsa jaana a gakgametse: “A o itse gore o ka ba batla kae?” A bo a goa a re: “Mama, Papa o itse gore re ka bona kae baengele!”

Mama a re: “Go a itumedisa Sharon. Ke a itumela gore kgabagare o tla bona karabo ya potso ya gago.” A leba rraagwe Sharon a bo a mo ntshetsa meno.

Moso o latelang mo thekising ya sekolo, Sharon o ne a bolelela ditsala tsa gagwe tsotlhe gore o ile go bona moengele ka mafelobeke. Ditsala tsa gagwe di ne tsa nyenya ka maitseo ka gonne ba rata Sharon, mme ba ne ba sa dumele se a se buang.

Go tswa fo o ne a bolelela morutabana wa gagwe ka dithulaganyo tsa gagwe tsa mafelobeke. Morutabana Jane o ne a mo kopa gore a boe a tle go bolelela tlelase yotlhe ka maitemogelo a gagwe ka Mantaga.

Ka Matlhatso mo mosong, Sharon o ne a tsoga phakela gore a dire ditiro tsa gagwe tsa mo gae. Go tswa foo, a tlhapa, a apara bontle a bo a ja sefitlholo. Se se neng se setse fela e ne e le go letela rraagwe gore a ipaakanye. Go ise go ye kae Sharon o ne a dutse mo setulong sa kafa morago mo koloing a ipofile ka lebanta mme ba wela mo tseleng.

A botsa jaana ka boitumelo: “Papa, a go kgakala?”

O ne a nyenya a bo a re: “Re tla tloga re goroga.” Ba ne ba tsamaya go sekaenyana pele ga ba ema mo legaeng la bagodi.

Papa a ntsha lebanta la gagwe a bo a re: “Re gorogile.”

Sharon o ne a tlhakane tlhogo a akanya jaana: “Legae la bagodi?” Baengele ba dira eng mo legaeng la bagodi?

Lekawana lengwe le le neng la ba atamela le ne la re: “Agee, dumelang, o tshwanetse wa bo o le Sharon. Ke dirile lenaane la dilo tse lo tla di dirang go re thusa mo legaeng la rona gompieno.” O ne a nyenya le Sharon a bo a naya rraagwe pampiri.

Papa a bala lenaane. Sa ntlha, Sharon o ne a thusa Papa go feela jarata. Go tswa foo ba phepafatsa ditulo tse batsofe ba di dirisang fa ba dula mo letsatsing. Sharon o ne a dira tiro ya gagwe ka bonako ka mo a ka kgonang ka teng gore rraagwe a tle a mo ise gore a ye go bona moengele.

Papa a re: “Morago ga mo, re tla phepafatsa holo e go jelwang mo go yone.” Ba ne ba feela, ba phimola lerole le go politšha go fitlhela sengwe le sengwe se le phepa e bile se phatsima.

Kgabagare, e ne e le nako ya dijo tsa motshegare. Sharon le rraagwe ba ne ba tlhapa diatla le difatlhego tsa bone mme ba tsena mo holong e go jelwang mo go yone. Fa ba le koo, Sharon o ne a thusa go tshola dijo mme morago ga foo a itumelela go dula le botlhe koo fa ba ntse ba mmolelela mainane a bogologolo. Ba ne ba tshameka gape le metshameko ya morabaraba. Morago ga foo nkoko mongwe o ne a raya Sharon a re: “O moengele tota,” a bo a mo tlamparela ka lorato.

Nkoko yo mongwe o ne a botsa jaana: “Leina la gago ke mang moengele wa me?”

O ne a araba a nyenya a re: “Ke nna Sharon.” A bo a itlhaganela kwa go rraagwe.

A re: “Papa, bonkoko ba ne ba re ke moengele. Mme ke ne ka gakologelwa gore o ne o tshwanetse go mpontsha moengele gompieno.”

Rraagwe o ne a nyenya mme a mmontsha ditshwano tsa bone mo seiponeng se se gaufi, a bo a re: “Sharon, ke kafa moengele a lebegang ka teng.”

 

Sharon o ne a itebelela go sekae a bo a nyenya. O ne a itlhaganeletse go ya sekolong ka Mantaga gore a ye go tlhalosetsa ditsala tsa gagwe le morutabana kafa a ileng a itumelela ka teng go dira tiro e e molemo ya go nna moengele.

 

 

[Get story active!] Nna le matlhagatlhaga a leinane!

 

  • O akanya gore baengele ba lebega jang? Torowa setshwantsho sa moengele. E segolole o bo o kgomaretsa dilo tse e tla nang diaparo le wulu kgotsa mogala gore e nne moriri.
  • Kwala poko e e re bolelelang gore o akanya eng ka baengele.
  • Direla mongwe yo o mo ratang botlolo ya “Ke moengele wa gago.” Kopa motho yoo gore a tsenye melaetsanyana ya dilo tse di motlhofo – tse di jaaka Ntirele kopi ya teye – tse a ka ratang gore o di mo direle a bo a e tsenya mo teng ga botlolo eo. Ka makgetlo a mantsi ka mo o ka kgonang ka teng, ntsha molaetsa o le mongwe mme o direle motho yo o mo ratang sengwe se sentle.