Matlhajana a leobu la setshwakga
Home | Written stories | Multilingual stories | Matlhajana a leobu la setshwakga

Written stories

Matlhajana a leobu la setshwakga

Author

E kwadilwe ke Pirai Mazungunye

Illustrator

E tshwantshitswe ke Vian Oelofson

Bogologolotala, mo motseng wa kagiso wa Mudavula, go ne go nna leobu la setshwakga. Mo nakong eo, diphologolo tsotlhe di ne di ruile lefatshe go fula mo go lona le go tlhokomela bana

 

ba tsona. Diphologolo tsotlhe ntle fela le Leobu. Ka ntlha ya botshwakga jwa gagwe, o ne a sa batle go dira go tshwana le diphologolo tse dingwe. Mo boemong jwa se, o ne a tla ka leano le le sokameng la gore a adime fa go ba bangwe gore a tshele sentle.

 

Tsatsi lengwe mo mosong wa Mosupologo, Leobu a ya kwa go Mmutla go adima bopi. Pele a goroga kwa ntlong ya ga Mmutla, a fetola mmala wa gagwe go tswa go bophifadu go nna botala.

 

“Tsweetswee ke kopa o nkadime bopi,” Leobu la ikopela jalo.

 

“Jaanong o tla bo busa leng?” ga botsa Mmutla.

 

“Mafelo a kgwedi!” Leobu la mo solofetsa jalo.

 

Mmutla a tlatsa kgamelo e Leobu le tlileng le e tshotse. Leobu a tsaya bopi a boela gae, a tsamaya a nyenya tsela yotlhe. O ne a ntse a akanya ka matlhajana a gagwe a go tsietsa diphologolo tse dingwe. O ne a itlhamela pinanyana gore a gakologelwe leano le.

 

‘Ke tla fetola mebala

Fela ga go ope yo o tla itseng.

Ke ne ke le motala fa Mmutla a mpona,

Fa ke ya go Mokgatitswane ke tla nna serolwana

Segwagwa se tla bona Leobu le lentsho

Khudu ene o tla mpona ke le phifadu.

Ke tla fetoga ke bo ke fetole mebala.

Ga go ope yo o tla itseng gore ke nna!’

 

Ka Labobedi, Leobu a tsoga a tshwerwe ke tlala. “Nka se je bogobe letsatsi le letsatsi. Ke batla raese!” Leobu a akanya. “Ke tla iphetola go nna serolwana mme ke ye go bona Mokgatitswane. Fa nka kgona go tsietsa botlhe, ga nkitla ke duela ope sepe!”

 

Leobu a tsaya kgamelo e e lolea a ya kwa go Mokgatitswane, yo ka boikobo a neng a tlatsa kgamelo ya Leobu ka raese. Leobu a solofetsa Mokgatitswane gore o tla e busa mafelo a kgwedi.

 

Ka Laboraro, morago ga go apaya raese, Leobu a bona sejana sa gagwe se sa mo itumedise. “Nnyaya! Nnyaya! Raese e e senang sešebo ga e kitla e nna monate. Ke batla nama!” Leobu a akanya, “Segwagwa se tla mpha nama!” a swetsa.

 

Leobu a fetola mmala wa letlalo go nna montsho pele a tabogela kwa ntlong ya ga Segwagwa ka kgamelo e e lolea. Segwagwa sa tlatsa kgamelo ya gagwe ka nama. Gape-gape, Leobu a solofetsa gore o tla busa nama mafelo a kgwedi.

 

“Ke tlhoafaletse maungo. Ke a tlhoka e le tota!” Leobu a akanya ka Labone. “Ke mang yo o nang le maugo?” Leobu a buela mo pelong, a ingwaya tlhogo. “Khudu! Ee, Khudu!”

 

Leobu a fetola mmala wa gagwe go nna phifadu mme a ya kwa go Khudu ka kgamelo e e lolea. A kopa Khudu gore a mo adime maungo, mme Khudu a tlatsa kgamelo ka dipanana, dinamune le diapole.

 

“Ke a leboga, ke leboga thata, Rre Khudu. Ke tla go duela mafelo a kgwedi,” a mo solofetsa jalo. Ka dinako tsotlhe Leobu a tswelela go opela pina ya gagwe gore a kgone go gakologelwa go tsietsa diphologolo ka mebala.

 

‘Ke tla fetola mebala

Fela ga go ope yo o tla itseng.

Ke ne ke le motala fa Mmutla a mpona,

Fa ke ya go Mokgatitswane ke tla nna serolwana

Segwagwa se tla bona Leobu le lentsho

Khudu ene o tla mpona ke le phifadu.

Ke tla fetoga ke bo ke fetole mebala.

Ga go ope yo o tla itseng gore ke nna!’

 

E rile fa bofelo jwa kgwedi bo goroga, diphologolo tsa leta Leobu gore a tle go ba duela se o se adimileng. Fela Leobu la seke a tla go duela.

 

Wa ntlha ya nna Mmutla yo o ileng kwa ntlong ya Leobu. “Ke rona fano! Ke rona fano!” Mmutla a goa ka lentswe le le kwa godimo a le mo kgorong.

 

Leobu a mo okomela ka letlhabaphefo. E rile a bona Mmutla, a gakologelwa pina ya gagwe. “Ao, Rre Mmutla, ke ne ke le motala fa ke adima bopi kwa go wena,” Leobu a buela mo pelong. Ka bonako a fetola mmala wa gagwe go nna serolwana mme a ya kwa kgorong go dumedisa Mmutla.

 

“Ke batla Leobu le le tala,” ga bua Mmutla a akabetse.

 

“Leobu le le tala?” Ke nna fa ke le nosi. Ga se bogologolo ke nna fa,” Leobu la aketsa Mmutla.

 

Mmutla a tsamaya mme Leobu a boela morago kwa ntlong ya gagwe. “Ke tloga ke le botlhale,” Leobu a buela kwa godimo ka boikgantsho, a tlolela mo sofeng ya gagwe.

 

Morago ga malatsi a se kae, Mokgatitswane, Segwagwa le Khudu le bona ba tla go bona Leobu yo o adimileng raese, nama le maungo mo go bona. Leobu a tswelela go ba tsietsa a dirisa mmala wa letlao la gagwe gore ba seke ba mo lemoga.

 

Ga feta kgwedi e nngwe. Jaanong Mmutla, Mokgatitswane, Segwagwa le Khudu ba tshwara kopano mo setlhareng se segolo sa morula go itapolosa ka maungo a a monate a sona. E rile fa a leba mo serotong sa gagwe sa morula Khudu a re, “Leobu le letala le simolotse go nna kwa ntlong ya Leobu le le phifadu. Leobu le le phifadu leo le nkolota kgamelo ya maungo.”

 

“Nnyaya,” Mmutla a rialo. “Ke Leobu le le serolwana le le nnang kwa ntlong eo. Nna ke batla Leobu le le tala le le nkolotang kgamelo ya bopi.”

 

“Nnyaya,” ga bua Mokgatitswane. “Ke Leobu le lentsho le le nnang kwa ntlong eo. Nna ke batla Leobu le le serolwana le le nkolotang kgamelo ya raese.”

 

“Nnyaya,” ga bua Segwagwa. “Leobu le le phifadu le nna kwa ntlong ele. Nna ke batla Leobu le lentsho le le nkolotang kgamelo ya nama,”

 

Mme Mokgatitswane wa re, “A mme e ka nna gore Leobu le re tsieditse rotlhe ka go fetola mmala wa letlalo la gagwe? A re yeng kwa ntlong ya gagwe rotlhe ka nako e le nngwe.”

 

Ka jalo Mmutla, Mokgatitswane, Segwagwa le Khudu ba ya kwa ntlong ya Leobu mme ba goa gore a tswe mo ntlong.

 

 

Leobu a tlhola ka letlhabaphefo go bona diphologolo tse di šakgetseng. A swaba thata gore botshwakga jwa gagwe bo mo tsentse mo mathateng, a tswa mme a lopa Mmutla, Mokgatitswane, Segwagwa le Khudu gore ba mo itshwarele.

 

Mmutla, Mokgatitswane, Segwagwa le Khudu ba dumela go itshwarela Leobu. “Fela ga o kitla o bona sepe go tswa mo go rona,” ba rialo.

 

Go tloga ka letsatsi leo, leobu la setshwakga la simolola go dira ka natla go bona dijo go tshwana le botlhe.

 

* A Leobu le ne le adima kgotsa le utswa fa le ne le tsaya dilo tsa ga Mmutla, Segwagwa, Khudu le Mokgatitswane? Pharologano ke eng magareng ga go utswa le go adima?

* Goreng o akanya gore go siame go busa sengwe se o se adimileng?

* Itlhome fela gore ga o batle batho ba itse gore o mang. Dirisa diaparo tsa bogologolo, dihutshe, manathwana a masela le digalase tsa matlho gore o seke wa lemogiwa gore o mang. Gakologelwa gore o ka fetola tsela e o tsamayang ka yona le tsela e o buang ka yona gore batho ba se ke ba go lemoga.