Kgomo yo Mogolo!
Home | Written stories | Multilingual stories | Kgomo yo Mogolo!

Written stories

Kgomo yo Mogolo!

Author

Ka Koketso Tsemekwane

Illustrator

Ditshwantsho ka Heidel Dedekind

Bogologolo, Kgomo le Katse ba ne ba nna mo Thotaneng ya Toutswemogala. Ba ne ba nna mo thotaneng eno le diphologolo tse dingwe tsotlhe. Nako e ntsi, diphologolo tsotlhe di ne di nna mmogo ka kagiso le ka kutlwano.

Kgomo o ne a kgethegile thata gare ga diphologolo ka gonne ke ene fela a neng a na le mogogolwane. Moso mongwe le mongwe o ne a ntsha mogogolwane wa gagwe, a bo a o pega mo magetleng a gagwe mme a tshwara kgotla.

A eme a kgabile ka seaparo sa gagwe se sentle, Kgomo o ne a lebega jaaka modimogadi wa mmatota. O ne a le botlhale thata mme o ne a kgona go neela kgakololo ka dilo tse kgolo le tse dinnye.

Mme, ka maswabi, go ne go sena ope yo o neng a rata Katse thata. Diphologolo tse dingwe di ne di akanya gore Katse o boferefere mme di ne di sa mo tshepe. Ke eng fa a ne a kukuna bosigo mme a bo a nna botswa a robala letsatsi lotlhe mo letsatsing? Ba tlhomamisegile gore go na le sengwe se se sa siamang se Katse a neng a se dira.

Ka letsatsi lengwe Katse o ne a tla kwa go Kgomo go mo kopa kgakololo. Katse o ne a botsa jaana, “Kgomo, ke eng fa wena le diphologolo tse dingwe lo sa nthate?”

Kgomo o ne a bopa fela, a bo a bofelela mogogolwane wa gagwe thata mo magetleng a gagwe a bo a tsamaya a sa arabe.

“Kgomo,” Katse a rora, “Ke batla go itse gore ke eng lo sa nthate? O tshwanetse go re tlhokomela rotlhe, mme ka metlha o thusa diphologolo tse dingwe tsotlhe, ga o nke o nna pelonomi mo go nna.”

Letsatsi lengwe le lengwe Katse o ne a boela kwa go Kgomo a mo isetsa dimpho, a batla go itse gore ke eng fa go sena ope yo o mo ratang. O ne a tla maroo a gagwe a tletse bojang jo bo monate go tswa kwa mokgatšheng le metsi a a tsabakelang a a tsiditsana go tswa mo molatswaneng. Mme go sa kgathalesege gore Katse o leka go dira eng, Kgomo le diphologolo tse dingwe di ne di santse di sa mo rate. Di ne di nna di itlhokomolosa Katse, mme seno se ne sa hutsafatsa Katse thata.

Seno se ne sa tswelela jalo go fitlhela ka letsatsi lengwe Katse a raya Kgomo a re, “Go lekane jaanong,” mme a bo a fuduga.

Go tsere nako pele ga dipeba di simolola go tlala gongwe le gongwe. Ke ka nako eno diphologolo tse dingwe di neng tsa ya kwa go Kgomo go ya go ngongorega. Di ne di galefile thata. “Kgomo yo Mogolo!” di tlhaeletsa jalo di ntse di suma, di korotla, di bopa, di tswirinya le go goa.

“O tshwanetse go dira sengwe, Kgomo,” Tau a kurutla jalo.

“Go na le dipeba gongwe le gongwe – mo re robalang teng, mo re jelang teng, tota le mo re nwelang teng,” ga korotla jalo Kubu.

Ke gone fela mo Kgomo le diphologolo tse dingwe di ileng tsa simolola go lemoga tiro e e botlhokwa e Katse a neng a e dira bosigo fa ba ne ba robetse botlhe.

Jaaka moeteledipele wa Toutswemogala, Kgomo o ne a kopa diphologolo tsotlhe gore di tsene mo letsholong la go batla Katse. Ba ne ba simolola botlhe go batla gongwe le gongwe. Ba ne ba batla fale le fale le gongwe le gongwe ka malatsi a le supa.

Fa kgabagare ba bona Katse, Thutlwa – yo o neng a mmona pele – o ne a atamela. “Katse,” ga rialo Thutlwa, “diphologolo tsotlhe di go tlhologeletswe. Ga re tlhole re akanya gore o boferefere le go re go na le sengwe se se sa siamang se o se dirang. Fa dipeba di ntse di tswelela go re tshwenya, re go tlhologelelwa le go feta. Re a go tlhoka e bile re a go rata. Tsweetswee, boela le rona kwa Toutswemogala.”

 

Katse o ne a ikutlwa a itumetse thata fa a ntse a boela kwa Toutswemogala le diphologolo tse dingwe. Bosigo bongwe le bongwe o ne a ja dipeba le go di koba gongwe le gongwe. Diphologolo tsotlhe di ne di itumetse thata, mme Kgomo ke ene a neng a itumetse le go feta ka gonne gone jaanong, go boetse gape, go na le kagiso le tidimalo mo Toutswemogala. Mme go tloga ka letsatsi leo Kgomo le Katse ba ne ba nna ditsala tse dikgolo mme Kgomo o nna a bolokela Katse thotinyana ya mashi letsatsi le letsatsi.

Nna le matlhagatlhaga a leinane!

  • Torowa setshwantsho sa peba.
  • Dirisa letsopa kgotsa taka go dira dipopego tsa Kgomo, katse le thutlwa. Dirisa diphologolo tse di dirilweng ka letsopa go diragatsa leinane.
  • Ikwalele konelo ya gago ya leinane. Akanya o bona Katse a gana go boela kwa Toutswemogala. O akanya gore go ne go tla diragala eng?