Kgakgamatso ya ga Mama Moeng | Nal'ibali
Home | Written stories | Multilingual stories | Kgakgamatso ya ga Mama Moeng

Written stories

Kgakgamatso ya ga Mama Moeng

Author

Leinane ka Joan Rankin

Illustrator

Ditshwantsho ka Tamsin le Natalie Hinrichsen

Dilo tsotlhe di simolotse fa Mama Moeng a ne a diretse Nkoko Moeng morufa wa jeme ka letsatsi la gagwe la botsalo. Mme Lesea Beka o ne a bona balunu ya gagwe e ntle go gaisa ya mmala o mopududu. O ne a batla go e naya Nkoko ka letsatsi la gagwe la botsalo. Mama o ne a belega Lesea Beka mo mokwatleng wa gagwe ka kobo e e boleta. Morago o ne a baya morufa wa jeme mo tlhogong ya gagwe mme a tsamaya go leba kwa ntlong ya ga Nkoko Moeng. Balunu ya ga Lesea Beka e ne e re bo-bo-bo mme borampheetšhane ba ga Mama ba ne ba re tshe-tshe-tshe-tshe mo tselaneng e e lerole go fitlha ba kopana le Sipho a tswa mo lebenkeleng la Tip-Top. “O ya kae, Mama Moeng?” go ne ga botsa Sipho.

“Nna le Lesea Beka re ya kwa ga Nkoko Moeng. Ke letsatsi la gagwe la botsalo gompieno,” go ne ga araba Mama. “Ke tshwaretse Nkoko Moeng pakana ya ditšhipisi tse di gautsegang tsa ditapole. A le nna nka tla?” Sipho o ne a botsa. “Ebu,” Mama o ne a nyenya mme ba ne ba tswa ba tsamaya. Pakana ya ga Sipho ya ditšhipisi tse di gautsegang tsa ditapole e ne e re tšhrrrr-tšhrrrr, balunu ya ga Lesea Beka e ne e re bo-bo-bo mme borampheetšhane ba ga Mama ba ne ba re tshe-tshe-tshe-tshe mo tselaneng e e lerole go fitlhelela ba fitlha fa go Ntate Chapalala, yo o neng a fepa dikgogo tsa gagwe. “Le ya kae?” o ne a botsa. “Re ya kwa ga Nkoko Moeng. Ke letsatsi la gagwe la botsalo,” Mama o ne a araba.

“Ke tshwaretse Nkoko Moeng kgogo e kima. Ke kopa o mo fe yone?” go ne ga botsa Ntate Chapalala. “Ebu,” go ne ga rialo Mama a sukunyetsa kgogo e kima mo tlase ga letsogo la gagwe mme ba tsamaya e le Mama, Lesea Beka le Sipho. Kgogo e kima e ne e re koko-kokoro, koko-kokoro-koko, pakana ya ditšhipisi tse di gautsegang tsa ditapole e ne e re tšhrrrr-tšhrrrr, balunu ya ga Lesea Beka e ne e re bo-bo-bo mme borampheetšhane ba ga Mama ba ne ba re tshe-tshe-tshe-tshe mo tselaneng e e lerole go fitlhelela ba fitlha kwa lebenkeleng la ga Mme Makabelo la lepaka le le mo gae. “Re tshwanetse go batlela Nkoko kuku ya letsatsi la botsalo,” Mama o ne a rialo. Ba ne ba tsena mo teng. Tleloko ya mo lebating e ne ya re tinki-linki. “Madume, Mme Makabelo. A o ne o itse gore gompieno ke letsatsi la botsalo la ga Nkoko Moeng?”

“Ee, go ntse jalo,” go ne ga rialo Mme Makabelo. “Ke mo baketse kuku e e kgethegileng, mme fela nka se kgone go tswa mo lebenkeleng. Ke kopa o mo isetse yone tlhe?” “Go siame,” Mama o ne a dumela, mme fela go ne go na le bothata – Mama o ne a tlhoka diatla tse pedi go tshwara kuku. Ka jalo, o ne a loga leano. O ne a baya kgogo e kima mo godimo ga morufa wa jeme o a neng a o rwele mo tlhogong ya gagwe. Jaanong o ne a na le diatla tse pedi tse di lolea go tshwara kuku e e kgethegileng ya letsatsi la botsalo. Mama, Lesea Beka le Sipho ba ne ba tswa ka lebati la tinki-linki. Fa Lesea Beka le utlwa monko wa kuku le ne la ngunanguna, “Mmmmmmm, mmmmm, mmmmm.” Kgogo e kima e ne e re koko-kokoro, koko-kokoro-koko, pakana ya ditšhipisi tse di gautsegang tsa ditapole e ne e re tšhrrrr-tšhrrrr, balunu ya ga Lesea Beka e ne e re bo-bo-bo mme borampheetšhane ba ga Mama ba ne ba re tshe-tshe-tshe-tshe mo tselaneng e e lerole go fitlhelela ba kopana le Valecia.

“Le ya kae?” go ne ga botsa Valecia. “Re ya kwa ga Nkoko Moeng. Ke letsatsi la gagwe la botsalo,” go ne ga tlhalosa Sipho. “Ke tshwaretse Nkoko Moeng ngata ya malomo. A le nna nka tla?” go ne ga botsa Valecia. “Ebu,” Mama o ne a rialo mme ba ne ba tswa ba tsamaya. Ngata ya malomo e ne e dira gore Valecia a ethimole, “Ethiii! E-E-E-thiii!” Kgogo e kima e ne e re koko-kokoro, koko-kokoro-koko, pakana ya ditšhipisi tse di gautsegang tsa ditapole e ne e re tšhrrrr-tšhrrrr, balunu ya ga Lesea Beka e ne e re bo-bo-bo mme borampheetšhane ba ga Mama ba ne ba re tshe-tshe-tshe-tshe mo tselaneng e e lerole go fitlhelela ba bona Ntate Sithole a epa mo tshingwaneng ya gagwe ya merogo. “Lo ya kae lotlhe, Mama Moeng?” go ne ga botsa Ntate Sithole.

“Re ya kwa ga Nkoko Moeng. Ke letsatsi la gagwe la botsalo,” o ne a araba. “Ke mo tshwaretse teroli e e tletseng merogo,” go ne ga rialo Ntate Sithole. “Tsweetswee ke kopa le mo feng yone?” “Ebu,” Mama o ne a araba. Fela jaanong Mama o ne a na le bothata jo BOGOLO – go ne go na le dilo tse dintsi tse a tshwanetseng go di tshwara! O ne a tshwanetse go tla ka leano. La ntlha, o ne a belogolola Lesea Beka mme o ne a bofelela kgogo e kima mo mokwatleng wa gagwe ka kobo e e boleta. Lesea Beka le ne la GOA! Ka jalo Mama o ne a baya kgogo e kima mo godimo ga teroli le go belega Lesea Beka mo mokwatleng wa gagwe ka kobo e e boleta. Lesea Beka o ne a itumetse le kgogo e kima e ne e itumeletse thata go tlopinya mo merogong yotlhe. Fela Mama o ne a sa itumelela se ka jalo o ne a baya kgogo e kima mo tlhogong ya ga Valecia. Diphofa di ne di tsikitla nko ya ga Valecia mme tsa dira gore a ethimole le go feta, “EEEEEEE-THIIIIIII!” Valecia o ne a sa itumela.

Ka jalo, Mama o ne a tsaya kgogo e kima mme a e baya mo tlhogong ya ga Sipho le go mo naya malomo a ga Valecia gore a a tshware. Jaanong Valecia o ne a na le diatla tse pedi tse di lolea go ka tshwara kuku. Mme Mama o ne a na le diatla tse pedi tse di lolea go kgorometsa teroli. Batho botlhe ba ne ba itumetse mme ba ne ba tsamaya go ya kwa ga Nkoko Moeng. Maotwana a teroli a ne a re tswirrr-tswirr-tswirr. Valecia o ne a na le aesing ya kuku mo marameng a gagwe mme loleme la gagwe le ne le re latswi-latsi-latswi. Lesea Beka le ne le ngunanguna le re, “Mmmmm, mmmm, mmmm.”

Kgogo e kima e ne e re koko-kokoro, koko-kokoro-koko, pakana ya ditšhipisi tse di gautsegang tsa ditapole e dira tšhrrrr-tšhrrrr, balunu ya ga Lesea Beka e ne e re bo-bo-bo mme borampheetšhane ba ga Mama ba ne ba re tshe-tshe-tshe-tshe mo tselaneng e e lerole go fitlha kwa ntlong ya ga Nkoko. Mama o ne a konyakonya mo lebating le le kwa pele. Sipho o ne a letsa molodi. Valecia o ne a goa. Mme fela go ne GO SE NA KARABO. Mama o ne a kgorometsa lebati la kwa pele le go le bula mme botlhe ba ne ba tsena mo teng. Fela go ne GO SE NA OPE MOO. Ba ne ba leba mo phaposi boapeelo − OPE. Ba ne ba leba mo phaposing ya borobalo − OPE. Ba ne ba leba mo gotlhe. Nkoko a ka tswa a le kae? Mama o ne a re, “Tla re simololeng go apaya mme gongwe Koko o tla tla.” Mme ke seo batho botlhe ba neng ba se dira – batho botlhe kwa ntle ga Lesea Beka. O ne a dula mo khaontareng ya phaposi boapeelo gaufi le letlhabaphefo mme a lebelela go fitlhelela a bona Nkoko a fologela mo tselaneng e e mo tlasetlase ga mokgokolosa. “Nkoko! Nkoko!” o ne a bitsa. Batho botlhe ba ne ba lebelela. “NKOKO! NKOKO!” batho botlhe ba ne ba goeletsa mmogo. “NKOKO!” Kwa tlasetlase ga mokgokolosa Nkoko o ne a re, “IJOOOO-JOOOO.

Go na le mongwe yo o mpitsang. Jaanong nka se kgone go ya kwa mabenkeleng go ithekela dijo tsa delalelo tsa letsatsi la me la botsalo.” Nkoko o ne a retologa le go tlhatloga mokgokolosa. Diselepere tsa gagwe di ne di re tšhofff-tšhoff mo tselaneng e e tletseng lorole. Kwa bokhutlong o ne a fitlha mo lebating la kwa morago. Fa a le bula batho botlhe ba ne ba simolola go opela pina ya keleletso masego. Mo godimo ga tafole go ne go na le phae ya merogo le diterete tsa jeme tse Mama o neng a di dirile, mae a a sa tswang go beelwa ke kgogo e kima, kuku e e kgethegileng ya letsatsi la botsalo le ditšhipisi tse di gautsegang tsa ditapole. Tafole e ne e kgabisitswe ka malomo le balunu ya mmala o montle o mopududu ya ga Lesea Beka.

“LE KE LETSATSI LA ME LE LE GAISANG LA BOTSALO!” Nkoko o ne a rialo. Mme o tshwanetse go itse, gonne Nkoko o ne a setse a nnile le bonnye malatsi a le masomearobedi kgotsa masomearobonngwe a botsalo pele ga le! NNA LE BOITLHAMEDI! Kwala lenane la dilo tsotlhe tse batho ba mo leinaneng ba di fileng Nkoko go dira keteko ya letsatsi la gagwe la botsalo go nna e e kgethegileng. Jaanong tsenya dilo tse tharo tse o neng o ka batla go di fa Nkoko fa nka bo o mo etetse ka letsatsi la gagwe la botsalo.

 

NNA LE BOITLHAMEDI!

Kwala lenane la dilo tsotlhe tse batho ba mo leinaneng ba di fileng Nkoko go dira keteko ya letsatsi la gagwe la botsalo go nna e e kgethegileng. Jaanong tsenya dilo tse tharo tse o neng o ka batla go di fa Nkoko fa nka bo o mo etetse ka letsatsi la gagwe la botsalo.