Keletso ya letsatsi la matsalo | Nal'ibali
Home | Written stories | Multilingual stories | Keletso ya letsatsi la matsalo

Written stories

Keletso ya letsatsi la matsalo

Author

Michelle Friedman

Illustrator

Alzette Prins

Translator

E ranotswe ke Opelo Thole

“Ao bagaetsho,” go ne ga akanya Mme wa ga Lethabo fa a ne a dula mo tafoleng ya kitšhini. “Ke tla dira eng? Kamoso ke letsatsi la matsalo la ga Lethabo mme go na le madi a mannye thata a go reka mpho.”

Lethabo o ne a eme fa sinking a opelela kwa tlase fa a ntse a tlhatswa dijana. “Mmmm la la … Mmmm la la.”

Birthday wish_1“Lethabo” ga rialo Mama, “kamoso ke letsatsi la gago la matsalo. Ke eng se nka go fang sone?”

“Ao, Mama,” ga bua Lethabo, “Ga ke itse gore ke batla eng.”

“Ke tla akanya sengwe,” ga bua Mama.

Tha tha … tha tha. Dintlha tsa menwana ya ga Mama di ne di ama mo godimo ga tafole. Lethabo o ne a rata molodi wa pina. “Tha tha … tha tha,” o ne a opelela kwa tlase fa a tsena mo phaposing ya gagwe ya borobalo. O ne a rola ditlhako tsa gagwe mme a dula mo godimo ga bolao jwa gagwe. “Ke batla eng ka letsatsi la me la matsalo?” Lethabo o ne a buela kwa godimo.

“Go a makatsa gore o ka botsa seo!” ga bua lentswe.

“Ke mang?” ga bua Lethabo a eme ka dinao. “Ga ke bone ope.”

“Ke ka fa tlase ga bolao!” ga bua lentswe.

“Tsweetswee tswa ka foo!” Lethabo o ne a tlolela kwa morago mo bolaong jwa gagwe. “Ijoo!”

Teng foo, mo pele ga gagwe, go ne go eme segokgo. Se ne se eme ka maoto a sona a le robedi a maleele. E ne e kete ke dithupa.

“Ke maswabi gore ke go tshositse!” Segokgo se ne sa oba tlhogo ya sona. “Leina la me ke Felix. Ke segokgo sa Anansi.”

Birthday wish_2“Ke nna Lethabo. Ke rata hutshe ya gago!”

“Ke a leboga, Lethabo. Hutshe ya me e tswa kwa Ghana! Ke mebala ya folaga ya Ghana − bohibidu, serolwana le botala.”

“Ghana e kwa kae?” ga botsa Lethabo.

“E kgakalakgakala kwa Aforika,” ga araba Felix.

“Segokgo sa Anansi ke eng?” ga botsa Lethabo.

“Ke tswa mo lelapeng la digokgo tsa Anansi. Re tumile. Re tswa kwa Aforika Bophirima. Bangwe ba rona re tsena mo kotsing gangwe le gape, fela mo go nna ga go jalo. Tota, ga se gantsi mo go kalo,” Felix o ne a tshega.

“Ke goreng o le fano?” Lethabo a botsa.

“O mpiditse,” ga bua Felix.

“Ga ke a go bitsa!” ga bua Lethabo.

Felix o ne a khinkhinyega. “Ee, o mpiditse, fa o ne o opelela molodi wa pina kwa tlase. Jaanong, tsweetswee tswala matlho a gago, ke go tshwaretse sengwe se se ka go makatsang.”

Lethabo o ne a baya diatla tsa gagwe mo matlhong a gagwe. O ne a kgona go utlwa Felix a tletsetletse mo fatshe. Morago go ne ga nna le modumo o o tlatsang phaposi. Tha tha … tha tha. E ne e kete ke modumo o mmaagwe a neng a o dirile mo godimo ga tafole, mme ona o le gaufinyana e bile o le kwa godingwana.

“Ao, seo e ka nna eng?” o ne a botsa.

“Bula matlho a gago!” ga buela Felix kwa godimo.

Felix o ne a tshameka meropa e le robedi ka nako e le nngwe. Leoto lengwe le lengwe le lennye le ne le le mo moropeng. Meropa e ne e mo dikaganyeditse. Tlhogo ya gagwe e ne e obegile fa a letsa moropa mongwe le mongwe. Tha tha … tha tha.

Birthday wish_3“Ruri ke rata se!” Lethabo o ne a nyenya ka boitumelo. O ne a tlolatlola mo phaposing a opela fa segokgo se ntse se letsa mmino.

Modumo wa meropa le kopelo ya ga Lethabo di ne tsa tlatsa phaposi e nnye. O ne o boa mo maboteng, o tlhatlogela kwa godimo mo siling, o fologela mo mmetsheng, o dikologa mo dimpeng tsa bona, o tsikitlha menwana ya bona ya maoto mme o nna selo se le sengwe le mokibo wa dipelo tsa bona.

“Lethabo, a o siame?” Sefatlhego sa ga mmaagwe se ne se okometse fa lebating.

“Ee, Mama,” ga bua Lethabo. “Ke ne ke jesitse fela mogopolo nala ka letsatsi la me la matsalo.”

Mmaagwe Lethabo o ne a tswala lebati mme a boela kwa kitšhining. “Ao bathong, ke tlile go dira jang?” a bua jalo.

“Felix! O kwa kae?” Lethabo o ne a lebelela ka fa tlase ga bolao. “O ka tswa jaanong.”

“O batlile a mpona!” ga bua Felix. “Bagolo ba rata go nkoba.”

“Tsweetswee mpolelele gore ke goreng o tlile go mpona,” ga bua Lethabo.

“Tota, ke a itse gore kamoso ke letsatsi la gago la matsalo. O batla eng?” ga botsa Felix.

“Moropa, Felix! Ke batla moropa!” Jalo Lethabo o ne a hutsafala. “Mme fela go thari thata. Marekisetso a tswaletswe.”

“Hahaha, hahaha” ga tshegatshega Felix. “Kopa Mme wa gago moropa. Kopa moropa o o tswang kwa Aforika Bophirima. Jaanong tswala matlho a gago gape mme o buele keletso ya gago kwa ntle. Sala sentle, Lethabo!”

Lethabo o ne a tswala matlho a gagwe, “Ke eletsa e kete nka bo ke na le moropa,” O ne a rialo. O ne a bula matlho a gagwe. Felix o ne a ile.

“Mama! Mama!”

“Molato ke eng, Lethabo?” ga botsa mmaagwe Lethabo fa a sianela mo phaposing.

“Mama, nka rata go fiwa moropa ka letsatsi la me la matsalo!”

“Mme fela Lethabo − moropa?” Mmaagwe o ne a tshikinya tlhogo.

“E seng moropa mongwe le mongwe, Mama. Moropa o o tswang kwa Aforika Bophirima, tsweetswee.” E bile o ne a opela le go bina a tletsetletse mo phaposing ya gagwe. Tha tha … tha tha!

Mmaagwe Lethabo o ne a reetsa kopelo. O ne a akanya ka ga rraagwe. O ne a mo gakologelwa a dutse kwa ntle ga ntlwana ya bona mo letsatsing. Fa gare ga maoto a gagwe go ne go eme moropa o mogolo. O ne a o letsa, a bitsa banna le basadi botlhe ba mo motseng go tla moletlong. Molelo o ne o tuka. O ne a nyenya fa a lebile Lethabo, setlogolo sa gagwe se sešwa, fa a robetse mo matsogong a ga mmaagwe.

“Ao, ke tlhologetswe ntate,” go ne ga akanya Mama. “Ema pele! Ke santse ke na le dilo dingwe mo sutukheiseng e e mo tlase ga bolao jwa me.”

Mama o ne a fitlhela sutukheise ya bogologolo ka fa tlase ga bolao. “Ao tlhe, go na le digokgo mo godimo ga yone!” Mama o ne a ngongorega.

Fa di utlwa lentswe la gagwe, digokgo di ne tsa tshaba. Mama o ne a goga sutukheise mme a e bula. Mo teng o ne a fitlhela moropa o mongwe – wa bogolo jo bo siametseng Lethabo tota.

“Ao, ke a leboga, Ntate! Ke gakologelwa moropa o! O o diretse Lethabo!”

Go ne go se na modumo o o tswang mo phaposing ya borobalo ya ga Lethabo. Ka tshisibalo, Mama o ne a kukunela kwa phaposing ya borobalo mme a bula lebati. Lesedi la ngwedi le ne le phatshima mo godimo ga morwadie fa a robetse. Mama o ne a baya moropa mo fatshe mo thoko ga bolao mme a atla lerama la ga Lethabo. “Nna le letsatsi le le monate la Matsalo, Lethabo,” a buela kwa tlase. “Itumelele letsatsi la gago la matsalo go tswa mo go nna le ntatemogolo wa gago.”

Birthday wish_4