Go ka direga sengwe le sengwe
Home | Written stories | Multilingual stories | Go ka direga sengwe le sengwe

Written stories

Go ka direga sengwe le sengwe

Author

Dorah Masigo

Illustrator

Samantha van Riet

Listen to the story here

E kile ya re ka nako nngwe, Koko le dikokwana tsa gagwe ba ne ba nna le Kgomo mo nageng.

Kgomo o ne a rata go fula fa a ntse a tsamaya a ralala naga go ya go etela tsala ya gagwe, Koko. Mme e ne e le dinako tse di thata. Pula e ile ya diega monongwaga mme go ne go sena bojang jo bontsi. Kgomo o ne a tshwerwe ke tlala thata fa a ntse a tsamaya ka bonya a ya kwa hokong ya ga Koko. Rapolasi o ne a lebetse go reka furu.

Koko o ne a itumeletse go bona Kgomo. “Dumela, tsala ya me,” ga rialo Koko. “Mma ke go tlele metsi a go nwa a a tsididi a a phepa. O tshwanetse wa bo o nyorilwe morago ga go tsamaya sekgala se setelele.” Go tswa foo Koko o ne a itlhaganela go ya go tseela Kgomo metsi a go nwa.

Fa Kgomo a ntse a rapame mo moriting wa setlhare se segolo, sa mokala sa bogologolo, dikokwana tse tharo tse dinnye di ne di tshameka gaufi le ene. Di ne di nnone e bile di le serolwana, fela jaaka dithunya tsa setlhare sa tabebuia tse Kgomo a tlholang a di bona ka nako ya dikgakologo.

Mala a ga Kgomo a ne a duma a kurutla fa a ntse a lebeletse dikokwana di tshameka. O ne a tsholetsa tlhogo ya gagwe a gadima kwa morago a ikutlwa molato. A leba kafa mojeng pele, a bo a leba kafa molemeng, a bo a leba kafa mojeng gape. Koko o ne a ise a bonale gope.

Gone mme, gantsi dikgomo ga di ke di ja nama, mme gopola, go ka direga sengwe le sengwe! Kgomo o ne a tshwerwe ke tlala thata mo e leng gore pele ga fa a ka akanya, o ne a tlola a bo a simolola go lelekisa dikokwanyana tse di nonneng tse di serolwana!

Dikokwana tse tharo tsa phatlalala fa pele ga Kgomo, di tswirinya jaana ka boikutlo jo bo siameng: “Re matšato mme re kgona go potela ka bofefo. O ka se re tshware le fa o ka leka.” “Re matšato mme re kgona go potela ka bofefo. O ka se re tshware le fa o ka leka.” Mme di ne tsa tswirinya di ipolaile ka ditshego.

Ka yone fela nako eo, Koko a boa a tlela Kgomo metsi. O ne a lebelela lerole le le neng le kubueditse dikokwanyana tsa gagwe.

“Go direga eng?” Koko a botsa jalo a nyenya le dikokwana tse tharo.

“Kgomo o tshameka maiphitlhwane le rona,” dikokwana tsa tswirinya jalo, di pitikana, maoto a lebile kwa godimo.

“Mme o bonya thata,” tsa tswirinya. Morago ga foo tsa tlola di feta mo maotong a ga Kgomo go bontsha gore di bofefo jang.

“Lo se ka lwa lapisa tsala ya rona,” Koko a tshegatshega le mamphorwana a gagwe pele ga a tsamaya a ya go tseela Kgomo metsi a mangwe a a lapolosang.

Fa fela Koko a sena go potela, Kgomo a tabogela dikokwana gape, a leka ka natla go tshwara bobotlana e le nngwe fela. Mme di ne tsa betsega, di opela di re: “Re matšato mme re kgona go potela ka bofefo. O ka se re tshware le fa o ka leka.” “Re matšato mme re kgona go potela ka bofefo. O ka se re tshware le fa o ka leka.”

Ka nako ya fa Koko a boa, loleme lwa ga Kgomo le ne le akgega mo molomong wa gagwe, a kodumetsa metsi a Koko a neng a a beile mo pele ga gagwe otlhe ka nako e le nngwe.

“Di nna fela di le mo tseleng ya gago. Di rata go tshameka thata,” ga rialo Koko. “Mme bobotlana di sireletsegile mo go phakalane, yo o nnang a lebile a le kgakala.” Koko o ne a lebelela kwa godimo a tshogile mme a leba Kgomo a nyenya. A raya tsala ya gagwe a re: “Ke a leboga go bo o ile wa ba baya leitlho fa ke ntse ke seyo.”

Kgomo o ne a itse gore tota ga se se se diragetseng, mme le fa a ne a ikutlwa molato, o ne a dumela fela ka tlhogo a lapile. Gone jaanong, o ne a le bokoa ka ntlha ya tlala. Go nna a taboga mo morago ga dikokwana go ile ga fetsa maatla a gagwe otlhe.

Morago ga nakwana, Kgomo o ne a ema mme a sadisa Koko sentle, a ipotsa gore a mme o tla kgona go tsamaya sekgala se setelele a boela kwa mabolokelong a gagwe.

Kgomo o ne a tsena mo mabolokelong fela moriti wa maitseboa o simolola go bonala mo boalong. O ne a wela makgwafo fa a bona mokoa o mogolo wa furu o rapolasi a o tlisitseng. Mme fa a simolotse go ja, o ne a sa kgone go tlogela go ja. O ne a ja, a bo a ja go fitlhela a kgora thata jaana mo e leng gore o ne a tlhatlhogela kwa ngweding jaaka balune e kgolo ya dibatabata. Ka gonne gopola, go ka direga sengwe le sengwe!

 


 

Nna le matlhagatlhaga a leinane!

  • Ke eng se se sa tlwaelegang le go feta se o kileng wa se ja? Torowa setshwantsho sa dijo tseo. Kafa tlase ga setshwantsho, tlhalosa monko, le moutlwalo wa dijo tseo.
  • Kwala konelo e ntšha ya leinane leno. Go ne go tla direga eng fa go ka bo go sena furu e Kgomo a ka e jang fa a fitlha kwa gae? Gopola, go ka direga sengwe le sengwe!