Dikgopa le tsona di na le maikutlo!
Home | Written stories | Multilingual stories | Dikgopa le tsona di na le maikutlo!

Written stories

Dikgopa le tsona di na le maikutlo!

Author

Ka Lori-Ann Preston

Illustrator

Ditshwantsho ka Chantelle le Burgen Thorne

Dikgopa tse di neng di nna mo tshingwaneng ya ga Mme Mondliwa di ne di sa itumela.

“NNA KE UTLWILE!” ga ngongorega Kgopa e e bidiwang Slimy.

“Le nna,” Speedy, tsala ya gagwe a dumelana nae. “Goreng rona dikgopa re sa tshwane le ditshenekegi dingwe tsa mo tshingwaneng?”

“Ke šakgetse tota ka mo re tlhorontshiwang ka teng,” ga tswelela Slimy.

“Ee, tota molato ke eng ka rona?” ga botsa Speedy.

“Ke na le kakanyo, a re epeng pitso ya dikgopa mme re ipelaetse mo ditshenekeging dingwe,” Slimy a dira tshitshinyo.

“Ke kakanyo e ntle,” Speedy a dumelana nae. “Re tshwanetse go ba bolelela gore ba re rate le go feta.”

Mo letsatsing le le latelang, Speedy le Slimy le dikgopa tse dingwe ba kopanela ka fa tlase ga setlhare sa mebitlwa go bua le ditshenekegi dingwe tsa tshingwana.

“Rona dikgopa re kopa go fiwa tlotlo,” ga bua Speedy. “E bile re kopa gore lona lotlhe lo re rate le go feta.”

“LEGOKA!” Serurubele a goa. “Dikgopa di a sisimosa.”

“EE,” Notshe a dumalana nae. “Owaii, Dikgopa a di tloge fa.”

“Lo letshwenyo,” ga tlaleletsa Seboko.

“Ao, re lo siamololetse ka eng?” ga botsa Slimy.

“ENG!” Bona letsadi le le mo leotong la me,” ga bua Tsie. “A o a itse gore ke le bone jang? Ke le filwe ke dikgopa! Lona dikgopa lo tshela dieledi tsa lona gotlhe fela tse re relelang mo go tsona di re ntsha dintho. A lo a itse gore dieledi tsa lona di relela jang?”

“Re bannye e le tota, re tshwarega mo dieleding tsa lona,” ga tlaleletsa Kgosigadi Tshoswane.

“Ruri!” ga bua dikgopa di akabetse. Re ne re sa itse.”

“Fela ga go a felela,” ga bua Seboko. “A lo a itse gore ke eng se se tlholang tlhakatlhakano ya pharakano? Lona dikgopa lo bonya e le ruri.”

“E bile ga go felele foo,” ga tlaleletsa Serurubele. “A lo ka emisa go ja dithunya tsotlhe? Lo bolaya tshingwana ya rona e ntle.”

Dikgopa di ne di swabile. Di ne di sa itse gore di tlhola mathata a le mantsi jaana. Dikgopa tse dinnye di ne di utlwile botlhoko e bile tsa simolola go lela.

 

“Go tshwanetse ga bo go le sengwe se sentle se rona dikgopa re se dirang?” ga tshitshinya Slimy.

Dikgopa dingwe di ne di didimetse. Di ne di akanya tsa bo tsa akanya ka sengwe se sentle se di ka bong di se dira.

Kwa bokhutlong, Serurubele a re, “NNYAA! Maswabi, fela lona dikgopa lo a sisimosa. Ga go sepe se sentle se lo se dirang!”

“Boammaruri, re akanya gore dikgopa tsotlhe di lelekwe mo tshingwaneng. Rotlhe re utlwile go lekane!” ga bua Seboko le fa e le gore le ene o ne a le borerepu jaaka dikgopa.

“TSAMAYANG DIKGOPA! TSAMAYANG DIKGOPA!” Dikhukhwana tsa simolola go opela.

“Emang, emang,” ga bua Slimy. “Re kopa lo re neye sebaka.”

“Ee,” ga bua Speedy. “Re neyeng sebaka, re tla netefatsa gore dikgopa di ka dira matsetseleko mangwe.”

Dikhukhwane tsa inaya nako ya go akanya. “Go siame ge,” tsa dumalana. “Re tla lo naya malatsi a le mabedi go re lo re supetse fa lo na le mosola, fa go sa nne jalo, lo tla gata kosene!”

Fa dikgopa di se na go boela kwa lefelong la tsona mo tshingwaneng, dikgopa tsa simolola go ja marapo a tlhogo.

“Go ka nna jang fa re ka ithuta go taboga?” Speedy a latlhela tlhware legonyana.

“Kakanyo e ntle,” Slimy a dumelana nae. “Go matshwanedi dikgopa, re tshwanetse go itekanela sentle!”

Dikgopa tsa itshidila motshegare otlhe. Fela ka bomadimabe, mme ba lemoga gore go taboga ga go kgonege.

“Nnyaa tlhe!” ga bua kgopa ya motsofe. “Re ka dirang? Re tshwanetse go tla ka leano le le ka dirang gore dikhukhwane tse dingwe gore di re rate.”

“Ke na le leano!” ga bua Slimy. “A re simololeng go ja mofero e seng dithunya.”

“Go siame, goreng re sa dire jalo?” botlhe ba dumelana. Jalo dikgopa tsa leka go ja mofero fela mo tshingwaneng.

“Nnyaa, se ga se kitla se kgonega. Mefero GA E MONATE!” ga bua Speedy morago ga sebakanyana.

Dikgopa tsa hutsafala. Dingwe tsa simolola go phutha merwalo ya tsona go huduga.

“Heela, ke na le leano,” ga bua Simphiwe a nyenya, kgopa e nnye mo go tsona. “Ke kopa lotlhe lo kopane le nna kwa tlhoeng ya seolo.”

“A o a tsenwa? Go tla re tsaya letsatsi lotlhe go fitlha koo,” ga bua Slimy.

“Ntshepeng,” ga bua Simphiwe.

Ga feta malatsi a le mabedi pele dikgopa di goroga kwa tlhoeng ya seolo. Dikhukhwane tse dingwe tsa kokoana mo tshimologong ya seolo go bona gore dikgopa di dirang.

“Jaanong, leano la gago ke eng?” ba batla go itse.

“Mmm, ke…” ga bua Simphiwe.

“Ee?” ga bua dikhukhwana tse dingwe.

“Lo tlile go re dumelela gore re nne mo tshingwaneng fa lo bona se re se dirileng,” ga bua Simphiwe.

Dikhukhwana dingwe di ne di lebile ka tlhoafalo, di tlhabile Simphiwe matlho.

“Ta-da,” ga bua Simphiwe a ya kwa mokgokoloseng wa seolo.

“Re lo diretse MOKGOKOLOSA O O RELEDISANG go tswa mo dieleding tsa rona!”

Ga nna tidimalo sebaka se seleele fa dikhukhwana di akanya ka se se buiwang.

“BONTLE E LE TOTA!” ba dumalana. “A re releleng.”

Ba dira fela jalo. Dikhukhwana tsa refosanya mo mokgoloseng o o reledisang. Monate o tswa ka ditsebe. Botlhe ba ne ba rata sereledisa mme ga tsewa tshwetso ya gore dikgopa di nne mo tshingwaneng.